Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:21 - Setswana 1970

21 Ka yona nako eo Jesu a ipela mo Moweng o o Boitshepo a re: “Ke a go leboga, Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ka gonne dilo tse o di subetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme o di senoletse ba e leng bana. Ee, Rara; gonne go ne go go kgatlha jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 Mme a tlala boitumelo jwa Mowa O O Boitshepo a re, “Ke a go baka, Rara Morena wa legodimo le lefatshe, ka go fitlhela ba ba nang le ditlhaloganyo le botlhale, dilo tse, mme wa di senolela ba ba ikanyegang jaaka bana. Ee, ke a leboga, gonne ke ka fa o batlileng ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 ¶ Yesu a itumela mo moeeñ mo oureñ ouo, mi a re, Kia gu itumelela, Rra, Morena oa legorimo le lehatse, ka u shubile lilo tse mo matlaliñ, le ba ba tlaloganyañ, mi u li bonaritse mo banyaneñ ba banye: E, Rra; gone gole gole khatlego ha pele ga gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 Ya re mo lobakeng loo Jesu a itumela ka Mowa o o Boitshepo a re: “Ke a go leboga, Rra, Morena wa legodimo le lefatshe; ka gobo dilo tse o di lobetse ba ba botlhale le ba ba tlhaloganyang, mme o di senoletse banyana ba bannye; ee, Rra, gonne go ne go le kgatlhego mo matlhong a gago gore go nne jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:21
29 Iomraidhean Croise  

Pesalome ya ga Dafita. Lefatshe ke la Morena le tsotlhe tse di mo go lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone.


Morena o kopana le ba ba mmoifang, o ba itsise kgolagano ya gagwe.


Morena, Mmusi wa rona, leina la gago le galalela jang mo lefatsheng lotlhe, wena yo borena jwa gago bo opelelwang kwa legodimong!


Bonang, ka ntlha ya moo ke tla tswelela pele go direla morafe o ka mokgwa o o gakgamatsang gore ba gakgamale, ba tlhoke puo, mme botlhale jwa matlhale a bone bo nyelele, le tlhaloganyo ya batlhaloganyi ba bone e fitlhege.”


Go tla nna mmila o mogolo teng le tsela e e bidiwang tsela e e boitshepo. Ga e na go gatwa ke ope yo o kgotlelegileng. Ke ya bone ba ba tsamayang mo go yona; mme le fa e le masilo, ga a nke a timela.


O tla bona tseo, a kgora ka ntlha ya tapisego ya mowa wa gagwe. “Motlhanka wa me yo o siameng o tla siamisa ba bantsi ka kitso ya go mo itse, mme melato ya bone ene o tla e rwala.


Gonne Moagi wa gago o tla go nyala jaaka lekau le nyala lekgarebe; Modimo wa gago o tla go itumelela jaaka monyadi a itumelela monyalwa.


Morena o bua jaana a re: “Legodimo ke sedulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me. Ke ntlo e e ntseng jang e lo tla e nkagelang? Felo ga boikhutso jwa me go fa kae?


Morena, Modimo wa gago, o na nao, ke seganka se se pholosang; o tla go thabela ka boitumelo, a ritibala mo loratong lwa gagwe; o tla go tlhabela mokgosi wa tuduetso.”


Mme Jesu a mo raya a re: “O sego, Simone, morwa Jona; ka gonne ga se nama le madi tse di go senoletseng moo, mme ke Rre yo o kwa magodimong.


ba mo raya ba re: “A o utlwa se bao ba se buang?” Jesu a ba fetola a re: “Ee; a ga lo ise lo ke lo buise se se reng: ‘O ipaakanyeditse pako ka melomo ya masea le ya ba ba anyang’?”


Ya re a bona bontsi jwa Bafarisai le Basadukai ba tla kolobetsong, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona! Lo kaetswe ke mang gore lo falole bogaleng jo bo tlang?


Ammaaruri ke lo raya ke re: Motho yo o sa tsholeng puso ya Modimo jaaka ngwana, ga a ka ke a tsena mo go yona ka gope.”


Mme e re a sena go e bona, a e bee mo magetleng a gagwe, a itumele.


Mme e re a sena go e bona, a phuthe ditsala le ba ba agileng nae a re: ‘Itumeleng le nna; gonne ke bonye selefera e e neng e ntatlhegetse.’


Jaanong ba tlosa letlapa fa moswi a letseng teng. Jesu a lelala godimo a re: “Rara, ke a go leboga, ka o nkutlwile;


Mme le fa Efangele ya rona e ka ne e siregile, e tla bo e siregile fela mo go ba ba latlhegang,


Ee, mo go ene, yo re dirilweng ba ona ka ene, rona ba re tlhomamisitsweng pele ka fa maikaelelong a ona o o dirang tsotlhe ka fa kgakololong ya go rata ga ona


ka o sa le o re tlhomamisa pele ka lorato go nna bana ba ona ka Jesu Keresete ka fa natefelong ya thato ya ona,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan