Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:20 - Setswana 1970

20 Fela lo se ka lwa itumelela moo, fa mewa e lo ikobela, mme itumeleng, ka maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

20 Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ga se go re mewa e e maswe e a lo utlwa, mme e bo e le gore maina a lona a kwadilwe jaaka baagedi ba legodimo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

20 Leha gontse yalo, lo si itumele ka mouo, ka meoea e lo utlua; mi itumeleñ bogolu gone maina a lona a kuariloe mo magorimoñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

20 Le fa go ntse jalo, lo se ka lwa itumelela moo gore mewa e a lo utlwa; lo itumelele gore maina a lona a kwadilwe kwa legodimong.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:20
19 Iomraidhean Croise  

Oketsa molato wa bona ka molato; a ba se bone tshiamiso ya gago.


Mme jaanong fa o ka ba itshwarela boleo jwa bone – ba itshwarele! Mme fa go sa nna jalo o mphimole mo lokwalong lwa gago lo o lo kwadileng.”


Jaanong masalela a a mo go Sione le ba ba setseng mo Jerusalema ba tla bidiwa baitshepi, e leng mongwe le mongwe wa Jerusalema yo o kwadilweng gore a tle a bone bophelo;


Morena, ò tsholofelo ya Iseraele. Botlhe ba ba go tlogelang ba tla tlhajwa ke ditlhong. Ba ba fapogang mo go nna, ba tla kwalwa fa fatshe. Gonne ba tlogetse motswedi wa metsi a a phelang, e leng Morena.


Letsogo la me le tla lwa le baporofeti ba ba bonang dipono tsa tsietso, ba ba buang boitseanape jwa maaka. Ga ba nke ba nna mo phuthegong ya morafe wa me le e seng go kwalwa mo lokwalong lwa Baiseraele, le e seng go boela kwa nageng ya Baiseraele, gore lo tle lo itse, fa ke le Morena Modimo.


“Ka sebaka seo go tla nanoga Migaele, kgosana e kgolo ele, go sireletsa bana ba morafe wa gago. E tla nna sebaka sa tlalelo se se iseng se ke se nne teng go tloga ka tlholego ya batho go fitlha nakong eo. Ka sebaka seo go tla pholosiwa morafe wa gago, e bong botlhe ba ba fitlhelwang ba kwadilwe mo lokwalong.


Jaanong a ipiletsa barutwa ba gagwe ba ba 12, a ba naya thata mo meweng e e itshekologileng go e kgarameletsa ntle, le go fodisa malwetse le makoa otlhe.


Fa e le Morwa-Motho, o tsamaya fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe; mme a tatlhego wee ya motho yoo, yo o tshwarisang Morwa-Motho! Go ka bo go le botoka mo go ene, fa a ka bo a se ka a tsalwa.”


Ke fa a latlhela diselefera mo Tempeleng, a tsamaya a ya a ipeta.


Ee, le wena, molekane wa me wa nnete mo tirong, ke a go rapela ka re, ba thuse, basadi bao, ba ba nthusitseng mo tlhabanelong ya Efangele, ba na le Klemense le badiri-ka-nna ba bangwe ba maina a bone a leng mo Lokwalong lwa Bophelo.


le mo phuthegong ya batsalwapele ba ba kwadilweng kwa magodimong, le fa Modimong, moatlhodi wa botlhe, le fa meweng ya basiami ba ba dirilweng botlalo,


Mme botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba tla se obamela, ba maina a bone a sa kwalwang mo bukeng ya bophelo ya Kwana e e tlhabilweng, a sa kwalwa go tloga tshimologong ya lefatshe.


Sebata se o se bonyeng, se ne se le teng, mme jaanong ga se tlhole se le teng; mme se tla tlhatloga mo moleteng o o se nang bolekanngo, se ya kwa tatlhegong. Foo ba ba agileng mo lefatsheng, ba maina a bone a sa kwalwang mo lokwalong lwa bophelo go tswa tlholegong ya lefatshe, ba tla gakgamala, fa ba bona sebata gore se ne se le teng, mme ga se tlhole se le teng, mme se tla nna teng gape.


Ka ba ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye, ba eme fa pele ga sedulo sa bogosi sa Modimo; jaanong dikwalo tsa bulwa; ga bulwa lokwalo lo longwe lo e leng lwa bophelo; mme baswi ba atlholwa ka fa ditirong tsa bone tse di kwadilweng mo dikwalong.


Mme fa mongwe a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong lwa bophelo, o ne a latlhelwa mo letsheng la molelo.


Ga go ne go tsena sepe se se itshekologileng mo go ona, le fa e le yo o dirang makgapha, le fa e le moaki, fa e se fela ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa botshelo lwa Kwana.


Yo o fenyang o tla apesiwa jalo diaparo tse ditshweu; ga nkitla ke phimola leina la gagwe mo bukeng ya bophelo; mme ke tla ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre le fa pele ga baengele ba gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan