Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:2 - Setswana 1970

2 Foo a ba raya a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ga ba banene. Ka moo, rapelang Morena wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2 Mme ditaelo tse a neng a di ba naya ke tse: “Rapelang Morena wa thobo gore a romele badiri ba bangwe go tla go lo thusa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ki gona o ba raeañ, Thobo e kholo rure, mi barobi ba banye; ki gona, rapelañ Morena oa thobo, gore a rome barihi mo thoboñ ea gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 A ba raya a re: “Thobo e kgolo ruri, mme badiri ba botlana; ke gone rapelang Morena wa thobo, gore a rome badiri mo thobong ya gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:2
48 Iomraidhean Croise  

Ke fa Elia a raya batho a re: “Go setse nna ke le nosi mo baporofeting ba Morena, mme baporofeti ba ga Baale ke banna ba le 450.


Lesomo la gago le ne la aga mo go yona; o ne wa e baakanyetsa babogisegi ka molemo wa gago, Modimo.


Ke tla lo naya badisa ba ba lo fudisang ka temogo le ka botlhale ka fa pelo ya me e ratang ka teng.”


A tatlhego wee ya modisa yo e seng wa sepe, yo o tlogelang letsomane! A tšhaka e reme letsogo la gagwe le leitlho le le jang la gagwe! A letsogo la gagwe le omelele ruri, a leitlho le le jang la gagwe le swele ruri.”


Ke tse bareki ba tsona ba di tlhabang, ba sa ipone molato; mme ba ba di rekisang ba re: ‘A Morena a bakwe, gonne ke humile!’ Badisa ba tsona ga ba di rekegele.


Ke tla fologa, ke bua nao teng, ke tsaya mowa o o tshwanang le o o mo go wena, ke o baya mo go bone gore ba go rwadise morwalo wa morafe o, mme o se o rwale o le wesi fela.


Mme Moše a mo raya a re: “A o ntwela ka lefufa? E kete morafe otlhe wa Morena e ka bo e le baporofeti, Morena a bo a tsentse Mowa wa gagwe mo go bone!”


“Gonne puso ya magodimo e tshwana le motho yo e leng mong wa ntlo, yo o phaketseng, a ya go thapela tshimo ya gagwe ya moweine badiri.


Go tshwana le motho yo o ileng leetong, a tlogela ntlo ya gagwe, a neela batlhanka ba gagwe go laola, mongwe le mongwe tiro ya gagwe, a laela molebeledi wa kgoro gore a dise.


A ba a ba raya a re: “Yaang le lefatshe lotlhe, lo rerele lobopo lotlhe Efangele.


Mme bone ba tswa, ba rera mo dintlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa Lefoko ka ditshupo tse di le latelang.


Jaanong Jesu a bitsa barutwa ba ba 12 mmogo, a ba naya nonofo le thata ya go leleka medemone yotlhe, le go fodisa malwetse.


Jaanong ba ba faladitsweng ka pogiso e e tsogileng ka ntlha ya ga Setefane ba ya go fitlha kwa Fenikia le kwa Kipero le kwa Antiogia, ba sa bolelele ope Lefoko fa e se Bajuta fela.


Ya re ba ntse ba direla Morena, mme ba itima dijo, Mowa o o Boitshepo wa re: “Nntshetsang Baranaba le Saule gore ba ye tirong e ke ba bileditseng yona.”


Jaanong bone, ka ba romilwe ke Mowa o o Boitshepo, ba ya kwa Seloikia, ba be ba tswa teng, ba tshelela kwa Kipero ka mokoro.


Lo itise, lo be lo dise letsomane lotlhe le Mowa o o Boitshepo o lo beileng go nna baokamedi ba lone, gore lo fudise phuthego ya Modimo e o e itheketseng ka madi a ona.


Mme a nthaya a re: ‘Tloga o tsamae; gonne ke tla go romela kwa kgakala kwa baheitaneng.’ ”


Jaanong ba ba faladitsweng ba ya le naga, ba eta ba rera lefoko la Efangele.


La ntlha Modimo o beile bangwe mo phuthegong go nna baapostolo, la bobedi ba bangwe go nna baporofeti, la boraro ba bangwe go nna baruti, morago ga moo badiri ba dikgakgamatso, le ba dineo tsa go fodisa, le bathusi le bagogi le ba dipuo tsa mefutafuta.


Mme ke se ke leng sona ke ka bopelotlhomogi jwa Modimo; mme bopelotlhomogi jwa ona mo go nna e ne e se lefela. Ke dirile bogolo go bone botlhe, mme e se nna, ke bopelotlhomogi jwa Modimo jo bo nang le nna.


Le rona, ba re leng badira-mmogo, re lo kaela gore lo se tsholele bopelotlhomogi jwa Modimo lefela;


ka gore botlhe ba ipatlela tsa bone, e seng tsa ga Keresete Jesu.


Le gona ke fitlhetse e le tshwanelo go busetsa Epafrodito kwa go lona, mokaulengwe le mothusi wa me le motlhabani-ka-nna, yo e leng morongwi wa lona le montlamedi ka tse ke di batlang.


Gonne o ne a le gaufi le go swa ka ntlha ya tiro ya ga Keresete, ka a se ka a rekegela botshelo jwa gagwe gore a ntirele mo lona lo tlhaetseng go ntirela teng.


Ke sona se ke se itapisetsang, ke se lwela ka fa thateng ya gagwe e e dirang mo go nna ka nonofo.


Epafera o a lo dumedisa, yo e leng wa ga lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, yo o ntseng a lo tlhabanela ka gale ka merapelo ya gore lo eme mo thatong yotlhe ya Modimo ka botlalo le ka tlhomamo;


Bakaulengwe, kana lo gakologelwa matsapa a rona le tapisego; re lo reretse Efangele ya Modimo re ntse re dira bosigo le motshegare gore re se imetse ope wa lona.


Mme, bakaulengwe, re lo rapela gore lo tlotle bone ba ba itapisang ka lona, ba ba lo okameng mo Moreneng, ba ba lo layang,


Bakaulengwe, re sa ntse re re: Re rapeleleng gore Lefoko la Morena le ate ka bonako, le be le galalediwe fela jaaka mo go lona;


go nne re itapisetsa sona seo le go se tlhabanela, ka re solofela mo Modimong o o tshelang, o e leng Mopholosi wa batho botlhe, bogolo wa bone ba ba dumelang.


Mme wena, o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele dipogiso, o dire tiro ya moreri wa Efangele, o fetse tirelo ya gago ka botlalo.


Nna Paulo, mogolegwi wa ga Keresete Jesu, le Timotheo morwa-rre, re kwalela Filemone, moratiwa wa rona, modiri-ka-rona,


mme Keresete o boikanyo jaaka Morwa yo o okametseng ntlo ya ona o ntlo ya ona e leng rona, fa e le gore re tshegeditse phuthologo ya maikutlo le poko ya tsholofelo ka tlhomamo go ya bokhutlong.


“Kwalela moengele wa phuthego ya kwa Efeso o re: ‘Yo o tshotseng dinaledi di supa mo seatleng se se jang, yo o tsamayang mo gare ga ditlhomo tsa dipone tsa gouta di supa, o bua jaana a re:


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan