Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:15 - Setswana 1970

15 Wena Kaperenaume, a ga o a godisiwa go fitlha legodimong? O tla fologela kwa felong ga baswi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

15 Mme lona batho ba Kaperenama, ke tla reng kaga lona? A lo tla galalediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tla folosediwa kwa moleteng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

15 Mi uena Kaperenama, eo o gorisericoeñ kua legorimoñ, u tla rigeloa mo bobipoñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

15 Wena Kaperenaume, a o golelediwa legodimong? O tlaa folosediwa mo Bobipong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:15
20 Iomraidhean Croise  

Ba re: “Tlayang a re ikageleng motse le kago e e godimo e setlhoa sa yona se fitlhang kwa legodimong gore re itirele leina le le tumileng, e se re gongwe ra phatlalala mo lefatsheng lotlhe.”


Ka ntlha ya moo felo ga baswi go atlhamolositse legano la gona; go atlhamisitse molomo wa gona go feta tekanyo gore go wele teng batlotlegi ba Jerusalema le ba e leng batho fela ba teng, ba ba tlhodiang gona le ba ba duduetsang teng.


Le fa Babele a ka tlhatlogela kwa legodimong, le fa a ka godisa diphemelo tsa gagwe thata: Ba ba mo fetolang sekaka ba tla tla kwa go ene, ba romilwe ke nna,” go bua Morena.


Foo ke tla go folosetsa kwa go ba ba fologelang kwa felong ga baswi kwa morafeng wa kgale, ke go nnisa kwa tlasetlase mo teng ga lefatshe jaaka marope a bogologolo, mmogo le ba ba fologetseng kwa felong ga baswi, gore o se ka wa tlhola o nna le batho, le e seng go tsoga gape mo lefatsheng la baphedi.


“ ‘Jaanong wena o tshwana le setlhare sefe mo Etene ka kgalalelo le ka bogolo? Le wena o tla folosediwa kwa tengteng ga lefatshe mmogo le ditlhare tsa Etene; o tla namalala mo gare ga ba ba sa rupang mmogo le ba ba bolailweng ka tšhaka. Ke ene Farao le morafe otlhe wa gagwe,’ go bua Morena Modimo.”


“Morwa-motho, lelela morafe wa Egepeto; bone le bomorwadia merafe e e tumileng, ò ba kgoromeletse kwa mafelong a a kwa tengteng ga lefatshe, kwa go ba ba fologetseng kwa felong ga baswi.


“O tla wa mo gare ga ba ba bolailweng ka tšhaka; morafe otlhe wa gagwe o tla namalala o bapile nae.


Ga ba a namalala le bagale ba ba oleng, ba sa rupa, ba ba fologetseng kwa felong ga baswi, ba ntse ba na le dibolai tsa ntwa, ba sameditswe tlhogo ka ditšhaka tsa bone, go bile go beilwe dithebe tsa bone mo ditotong tsa bone; gonne bagale ba ne ba boifiwa ke ba ba phelang mo lefatsheng.


Le fa o dira sentlhaga sa gago kwa godimodimo jaaka ntsu; le fa e le se se tlhomilweng mo gare ga dinaledi, ke tla go folosa teng,” go bua Morena.


Le gona, lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele, mme ba sa nonofa go bolaya mowa; mme bogolo lo boife ene yo o nonofileng go senya mowa le mmele mo moleteng wa molelo.


Le wena Kaperenaume yo o godiseditsweng kwa legodimong, o tla digelwa kwa felong ga baswi. Gonne fa ditiro tsa nonofo tse di dirilweng mo go wena, di ka bo di dirilwe kwa Sotoma, o ka bo a sa ntse a eme le kajeno.


A huduga kwa Nasaretha, a ya go nna kwa Kaperenaume yo o fa letsheng mo nageng ya Sebulone le Nafetale,


Teng foo go tla nna selelo le phuranyo ya meno, motlhang lo bonang Aborahame le Isaka le Jakobe le baporofeti botlhe mo pusong ya Modimo, mme lona lo leleketswe kwa ntle.


Ya re a le mo felong ga baswi, a tsholetsa matlho a le mo ditlhokofatsong, a bona Aborahame kgakala le Lasaro a le mo sehubeng sa gagwe.


Re ka tlhatlogela kae? Ba ga rona ba re kgobile marapo ka go bua ba re: Morafe wa teng o mogolo, o moleele bogolo go rona; metse e megolo e femetswe go fitlha kwa legodimong. Le mekaloba re e bonye teng!’


Gonne fa Modimo o se ka wa rekegela baengele ba ba leofileng, mme wa ba digela kwa moleteng, wa ba bofa ka dikgole tsa lefifi gore ba bolokelwe katlholo;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan