Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 10:14 - Setswana 1970

14 Fela petso ya lona mo katlholong e tla feta ya ba Tiro le Sitone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 Ee, Ture le Sidona ba tlaa reng kaga lona? A lo tlaa golelediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tlaa folosediwa kwa moleteng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Ki gona popego ea Tsura le Tsidona, e tla iphapañoañ mo tsekishoñ, bogolu go ea lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 Le fa go ntse jalo, go tlaa nna botoka ka ga Ture le Sitone mo katlholong bogolo go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 10:14
10 Iomraidhean Croise  

“Le lona ba Tiro le Sitone le ba dinaga tsotlhe tsa Bafelesita, lo na le kgang efe le nna? A lo rata go mpusetsa se lo se diretsweng, gongwe a lo rata go ntirela bosula? Ke tla busolosetsa ditiro tsa lona mo ditlhogong tsa lona ka bofefo le ka bonako.


Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Tiro, le fa e le a mararo fela. Gonne ba neetse Etomo batshwarwi botlhe, ba sa gopole kgolagano ya bana ba motho.


“Ke lona lo le losi ke lo itsileng mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe; ka ntlha ya moo ke tla lo beletsa maleo otlhe a lona.”


Ammaaruri ke lo raya ke re: E tla re ka letsatsi la katlholo petso ya motse oo e nne bogale go feta ya lefatshe la Sotoma le Gomora.


“A tatlhego ya gago wee, Gorasine! A tatlhego ya gago wee, Betsaita! Gonne fa ditiro tsa nonofo tse di dirilweng mo go lona, di ka bo di dirilwe mo Tiro le Sitone, ba ka bo ba sa bolo go ikwatlhaya, ba apere kgetse, ba ntse mo moloreng.


Mme katlholo ke e: Lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula.


Ke ka moo ò tlhokang go itlhatswa, motho ke wena, le fa o ka ne o le mang yo o latofatsang; ka gonne se o latofatsang yo mongwe ka sona ke se o itatofatsang ka sona; ka gonne wena molatofatsi o dira sona seo.


Yo o sa rupang ka fa tlhagong, fa a dirisa molao, a ga a nke a go bona molato, wena yo o leng motlodi wa molao, o ntse o na le lokwalo lwa molao o rupile?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan