Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:9 - Setswana 1970

9 a tshwarwa ke tengwa ka fa tlwaelong ya boperesiti go tsena mo Tempeleng ya Morena gore a tshube maswalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Yaka temalo ea tihelo ea boperiseti, ka tsatsi ya gague ya mo tlela ha a tla tsena mo tempeleñ ea Morena, go hisa tse ri ñkhañ monate.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 ka fa tlwaelong ya boperesiti, ga bo go tla letsatsi la gagwe la go tsena mo tempeleng ya Modimo ka lone, a ya go fisa maswalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:9
10 Iomraidhean Croise  

Bomorwa Amerame e ne e le Arone le Moše. Mme Arone a ntshiwa go tsenngwa tirelong ya Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo, ene le bomorwawe ka bosakhutleng gore a fise maswalo fa pele ga Morena, a mo direle, a tshegofatse ka leina la gagwe ka bosakhutleng.


Fela Arone le bomorwawe ba ne ba na le go tshuba ditlhabelo mo aletareng ya ditlhabelo tsa phiso le maswalo mo aletareng ya musi le go dira tiro yotlhe ya Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo le go batlela Baiseraele boitshwarelo fela jaaka go ne go laetse Moše motlhanka wa Modimo.


Fela ya re a nna thata, pelo ya gagwe ya ikgogomosa, a ba a senya, a direla Morena, Modimo wa gagwe, ka boikanyologo, a tsena mo Tempeleng ya Morena go tshuba maswalo mo aletareng ya maswalo.


Jaanong bomorwaaka, lo se ka lwa nna ditshwakga. Gonne Morena o lo tlhophile gore lo eme fa pele ga gagwe, lo mo direle, lo nne badiredi ba gagwe, lo tshube maswalo.”


gore e nne segopotso mo Baiseraeleng gore go se ka ga atamela monna wa moeng yo e seng wa losika lwa ga Arone go tshuba maswalo fa pele ga Morena, e se re gongwe ga mo dirafalela jaaka Kora le lekoko la gagwe jaaka Morena a mmoleletse ka Moše.


Ke fa a latlhela diselefera mo Tempeleng, a tsamaya a ya a ipeta.


Mme e rile dilo tseo di sena go baakanngwa jalo, baperesiti ba nna ba tsena ka gale mo Felong-ga-Boitshepo, e le go dirafatsa tsa tirelo-Modimo,


Ka ba itlhophela mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele go nna baperesiti gore ba palame mo aletareng ya me go fisa maswalo le go apara khiba ya boperesiti fa pele ga me; ka naya ba ga eno ditlhabelo tsotlhe tse di dirwang ka molelo tsa Baiseraele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan