Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:76 - Setswana 1970

76 Mme le wena, ngwana, o tla bidiwa moporofeti wa Mogodimodimo; gonne o tla etelela Morena pele go baakanya ditsela tsa gagwe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

76 “Mme wena morwaaka yo mmotlana, o tlaa bidiwa moporofiti wa Modimo o o galalelang, gonne o tlaa baakanya ditsela tsa ga Mesia.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

76 Mi uena, ñuanyana, u tla birioa moperofeti oa Mogorimo oa bogorimo bogolu; gone u tla ea ha pele ga sehatlogo sa Morena go etletsa tsela tsa gague;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

76 Ee, le wena ngwana, o tlaa bidiwa moperofeti wa Mogodimodimo; gonne o tlaa tsamaya fa pele ga sefatlhogo sa Morena go baakanya ditsela tsa gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:76
22 Iomraidhean Croise  

Ka ga Sione go tla twe: “Mongwe le mongwe o tsaletswe teng.” Mme motse oo, Mogodimodimo o a o tlhomamisa.


“Bonang, ke tla roma morongwi wa me gore a baakanye tsela fa pele ga me. Mme Morena yo lo mmatlang o tla tla kwa Tempeleng ya gagwe ka tshoganyetso, e bong moengele wa kgolagano yo o lo kgatlhang. Bonang, o e tla,” go bua Morena wa masomosomo.


“Bonang, ke tla lo romela moporofeti Elia, go ise go tle letsatsi la Morena le legolo, le le boitshegang.


Mme le fa a ne a rata go mmolaya, a boifa batho; gonne ba ne ba mo kaya moporofeti.


Mme fa re ka re: ‘Mo bathong,’ re boifa batho; gonne botlhe ba kaile Johane moporofeti.”


Nna ke lo kolobeletsa tlhabologo ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ke sa tshwanelang go mo tsholela ditlhako; ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo;


Yoo ke ene yo moporofeti Jesaya o buileng ka ga gagwe a re: “Lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: ‘Baakanyang tsela ya Morena, siamisang mebila ya gagwe!’ ”


Mme fa re ka re: ‘Mo bathong.’ ” Foo ba be ba boifa batho; gonne botlhe ba ne ba kaya Johane moporofeti tota.


Ene yoo o tla nna mogolo, a bidiwa Morwa Mogodimodimo. Morena Modimo o tla mo naya sedulo sa bogosi sa ga Dafita rraagwe.


Moengele a mo araba a re: “Mowa o o Boitshepo o tla tla mo go wena, le thata ya Mogodimodimo e tla go ritifalela; mme ka ntlha ya moo ngwana yo o boitshepo yo o tla belegwang ke wena o tla bidiwa Morwa Modimo.


Mme ratang baba ba lona, dirang molemo, ba adimeng fela, lo sa solofele sepe, mme tuelo ya lona e tla nna kgolo, lo tla nna bomorwa Mogodimodimo. Gonne ene o pelontle mo go ba ba sa lebogeng le mo go ba ba bosula.


A re: “ ‘Ke nna lentswe la mongwe yo o kuang mo sekakeng la re: Siamisang tsela ya Morena!’ ” jaaka Jesaya moporofeti a kile a bua.


Ke ene yo o tlang morago ga me, yo ke sa tshwanelang go funolola kgole ya setlhako sa gagwe.”


Lona ka losi lo basupi ba me ba gore ke boletse ka re: ‘Nna ga ke Keresete, mme ke romilwe go mo etelela pela fela.’


Yoo a sala Paulo le rona morago, a eta a kua a re: “Batho ba ke batlhanka ba Modimo o o godimodimo ba ba lo bolelelang tsela ya pholoso.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan