Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:75 - Setswana 1970

75 re le mo boitshepong le mo tshiamong fa pele ga ona ka malatsi otlhe a rona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

75 Le go re dira boitshepo le go amogelesega, re siametse go ema fa pele ga one ka bosakhutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

75 Mo boitsephoñ le tsiamo, ha pele ga ona, mo malatsiñ aotle a botselo yoa rona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

75 mo boitshepong le mo tshiamong fa pele ga one, ka malatsi otlhe a botshelo jwa rona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:75
19 Iomraidhean Croise  

e leng morafe o ke o ipopetseng gore ba bolele pako ya me.


“Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Go itima go ja mo kgweding ya bone le mo go ya botlhano le mo go ya bosupa le mo go ya lesome go tla fetogela Bajuta tuduetso le boitumelo le meletlo e e monate. Fela ratang boammaaruri le kagiso.’


O tla belega mosimane, mme wena o bitse leina la gagwe Jesu; gonne ke ene yo o tla gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.”


go re naya gore e re re golotswe mo mabogong a baba ba rona, re o direle re se na poifo,


jaaka o sa le o re itlhophela ka ene pele, lefatshe le ise le tlholwe, gore re nne boitshepo, re se nyatsege fa pele ga ona,


Gonne re tiro ya ona, re tlholetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di etleeditseng pele gore re tsamae mo go tsona.


mme lo apare motho yo mošwa yo o tlhodilweng ka fa Modimong mo tshiamong le mo boitshepong jwa boammaaruri.


ke tsa gore o boife Morena, Modimo wa gago, o tlhokomele melao yotlhe ya gagwe le ditaolo tsa gagwe tse ke di go laelang, wena le morwao le morwa-morwao ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago gore malatsi a gago a nne mantsi.


Bakaulengwe, jaanong re tswelela ka go lo rapela le go lo kaela ka Morena Jesu gore lo nne lo tote bogolo thata, jaaka lo ithutile mo go rona ka fa lo tshwanetseng go tsamaya le go kgatlha Modimo ka teng, jaaka lo setse lo sepela.


Gonne Modimo ga o a re biletsa boitshekologong, o re bileditse boitshepisong.


Mme rona re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Morena, ka gonne Modimo o sa le o lo itlhaolela go tswa tshimologong gore lo pholosiwe ka go itshepisiwa ke Mowa le ka go dumela boammaaruri.


o o re pholositseng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, mme e le ka fa boikaelelong jwa ona le ka fa bopelotlhomoging jo re sa leng re bo newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan