Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:72 - Setswana 1970

72 gore o direle borraetsho boutlwelo-botlhoko, o be o gopole kgolagano e e boitshepo ya ona,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

72-73 “O na a le kutlwelobotlhoko mo bagolwaneng ba rona, ee, mo go Aberahame ka bo ene, ka go gakologelwa tsholofetso ya gagwe e e boitshepo mo go ene,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

72 Gore o rihele bo‐rra ecu boicuarelo, le go gopola kholagano ea boitsepho ea ona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

72 gore o dirafaletse borraetsho boutlwelobotlhoko, le gore o gakologelwe kgolagano e e boitshepo ya one;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:72
21 Iomraidhean Croise  

“Ke tla tshegofatsa ba ba go tshegofatsang, ke hutsa ba ba go hutsang; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena.”


Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago, ka ntlha ya gore o utlwile lentswe la me.”


Ke tla atisa bana ba gago, ba nna bantsi jaaka dinaledi tsa legodimo, ke naya losika lwa gago mafatshe aotlhe ao, mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago.


Losika lwa gago lo tla nna jaaka lerole la lefatshe; o tla anamela kwa bophirimatsatsi le kwa botlhabatsatsi le kwa bokone le kwa borwa. Ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena le ka losika lwa gago.


kgolagano e o e dirileng le Aborahame le ikano e o e ikanetseng Isaka.


Gonne o ne a gopola lefoko la gagwe le le boitshepo, le Aborahame, motlhanka wa gagwe.


A gopola kgolagano ya gagwe ka ntlha ya bona, a busa bogale, ka a na le bopelontle jo bogolo.


Ba ba mmoifang o ba file dijo, kgolagano ya gagwe o e gopola ka bosakhutleng.


O gopotse bopelontle jwa gagwe le boikanyo jwa gagwe mo Baiseraeleng; dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di bonye pholoso ya Modimo wa rona.


Mme morago ga moo ke tla gopola kgolagano e ke e dirileng nao mo malatsing a bošwa jwa gago. Ke tla dira kgolagano e e sa khutleng nao.


“Ka ba ka feta fa go wena, ka go bona, ka fitlhela sebaka sa gago e le sebaka sa lorato; ka phutholola kobo ya me, ka go apesa, ka bipa bosaikatega jwa gago, ka go ikanela, ka dira kgolagano nao, mme wa nna wa me.” Go bua Morena Modimo.


ke gopole kgolagano ya me le Jakobe; le gona ke gopole kgolagano ya me le Isaka le kgolagano ya me le Aborahame; le lefatshe ke tla le gopola.


Ò tla direla Jakobe ka boammaaruri le Aborahame ka bopelotlhomogi jo ò bo ikanetseng borraetsho mo metlheng ya bogologolo.


Jaanong ka go gana Efangele ke baba ba Modimo ka ntlha ya lona; mme ka fa tlhaolong gone ke baratwi ka ntlha ya borraetsho.


Ke raya Baiseraele ba ba amogetseng bongwana jwa Modimo le kgalalelo le dikgolagano le neo ya molao le tirelo-Modimo le ditsholofetso;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan