Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:70 - Setswana 1970

70 jaaka o buile ka melomo ya baporofeti ba ona ba ba boitshepo go tswa metlheng ya bogologolo

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

70 fela jaaka a solofeditse ka baporofiti ba gagwe ba ba boitshepo mo lobakeng lo lo fetileng

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

70 Yaka o buile ka melomo ea baperofeti ba boitsepho ba ona, ba ba le ba leo ka tsimologo ea lehatse;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

70 Jaaka o buile ka melomo ya baperofeti ba one ba ba boitshepo, ba ba ntseng ba le yo e sa le ka tshimologo ya lefatshe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:70
18 Iomraidhean Croise  

“Ke tla tshegofatsa ba ba go tshegofatsang, ke hutsa ba ba go hutsang; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena.”


Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.”


Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta le e seng lore lwa mmusi fa gare ga dinao tsa gagwe go fitlhelela go be go tle Silo. Ene merafe e tla mo utlwa.


Mowa wa Morena o buile ka nna; lefoko la gagwe le mo lolemeng lwa me.


“Bonang, malatsi a e tla,” go bua Morena, “a ke tla tsosetsang Dafita letlhogela le le siameng ka ona. E tla nna kgosi e e busang ka botlhale, e e dirafatsang tshiamo le molao mo lefatsheng.


“ ‘Mme wena, se boife, Jakobe, motlhanka wa me!’ go bua Morena. ‘Se rerege, Iseraele! Gonne bona, ke tla go pholosa kwa kgakala le losika lwa gago mo lefatsheng la botshwaro jwa bone. Jakobe o tla boa, a ikhutsa, a le mo tshireletsong, go se na yo o mo tshosang.


Kana Dafita o buile ka esi ka Mowa o o Boitshepo a re: “ ‘Morena o reile Morena wa me a re: Nna ka fa letsogong la me le le jang, go tle go tsamae ke bee baba ba gago fa tlase ga dinao tsa gago.’


A ba a ba raya a re: “Mafoko a me a ke a buileng le lona, fa ke sa na le lona, ke a go re: Tsotlhe tse di kwadilweng ka ga me mo molaong wa ga Moše le mo baporofeting le mo dipesalomeng di tshwanetse go dirafala.”


Ya re ba sa dumelelane, ba phatlalala, Paulo a sena go bua lefoko le le lengwe a re: “Mowa o o Boitshepo o buile sentle le borraeno ka moporofeti Jesaya


e o e solofeditseng ka baporofeti ba ona mo Dikwalong tse di boitshepo,


Ka moo utlwang ka fa Mowa o o Boitshepo o buang ka teng o re: “Kajeno, fa lo utlwa lentswe la ona,


Ke fa ba senolelwa gore ga ba itirele, mme ba direla lona ka go bolela dilo tseo, tse gompieno lo di reretsweng ke ba ba lo boleletseng Efangele ka Mowa o o Boitshepo o o rometsweng o tswa kwa legodimong, e le dilo tse baengele ba eletsang go di leba.


gonne ga go ise go ke go tle polelelopele ka go rata ga motho, mme batho ba ba boitshepo ba Modimo ba buile, ba tlhotlheleditswe ke Mowa o o Boitshepo.


gore lo gakologelwe mafoko a a sa leng a buiwa pele ke baporofeti ba ba boitshepo, le taolo ya Morena le Mopholosi, e lo e neetsweng ke baapostolo ba lona.


Jaanong ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela. Mme a nthaya a re: “Nnyaya, se dire jalo! Ke motlhanka-ka-wena le bomorwa-rraago ba ba nang le tshupo ya ga Jesu; obamela Modimo.” Kana tshupo ya ga Jesu ke mowa wa boporofeti.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan