Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:7 - Setswana 1970

7 Mme ba bo ba se na ngwana, ka Elisabete e le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse ka bobedi jwa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Mme ba ne ba sena bana, gonne Elisabetha e ne e le moopa; mme ka bobedi jwa bone ba bo ba tsofetse thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi ba bo ba si na ñuana, gone Elisabete a la a le moopa, mi ba tu ba bo ba cohetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Ba bo ba se na ngwana, ka Elisabethe a le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse thata boo babedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:7
16 Iomraidhean Croise  

Ke fa Aborahame a wela fa fatshe ka sefatlhego, a tshega, a ipotsa mo pelong a re: “A nka tsalelwa ngwana ke le dinyaga di le lekgolo? A Sara le ene o ka belega a setse a le dinyaga di le 90?”


Kana Aborahame le Sara ba ne ba tsofetse, ba godile thata; mokgwa wa sesadi o sa tlhole o dirafalela Sara.


Isaka o ne a rapela Morena ka ntlha ya mosadi wa gagwe, gonne o ne a le moopa. Morena a mo utlwa; mme Rebeka, mosadi wa gagwe, a ithwala.


E rile Ragele a bona, fa a sa tsholele Jakobe bana, Ragele a fufegela mogolowe, a raya Jakobe a re: “Mphe bana! Go seng jalo, ke tla swa.”


E rile kgosi Dafita a sena go tsofala le go phela malatsi a mantsi, a bo a sa thuthafale, le fa ba mo apesa dikobo.


Elisa a ba a botsa a re: “Mme mosadi o ka direlwang?” Kehasi a re: “Kana ga a na ngwana wa mosimane, mme monna wa gagwe o tsofetse.”


Mo malatsing a ga Herote, kgosi ya Jutea, go ne go le moperesiti mongwe yo leina la gagwe e leng Sagaria, wa lesomo la ga Abia; mosadi wa gagwe e ne e le wa bomorwadia Arone, leina la gagwe e le Elisabete.


Ba bo ba siame fa pele ga Modimo ka bobedi jwa bone, ba tsamaya mo ditaolong tsotlhe le mo ditaong tsa Morena, ba se na molato.


Ya re a dira tiro ya boperesiti fa pele ga Modimo ka fa thulaganyong ya lesomo la gagwe,


Mme ga a ka a koafala mo tumelong, fa a leba mmele wa gagwe o o setseng o onetse, dinyaga tsa gagwe e le tse di ka nnang lekgolo, le mmele wa ga Sara o o setseng o onetse.


Ke ka tumelo, fa Sara a ne a newa thata ya go ka nna moimana, mme a belega a fetilwe ke dinyaga tsa teng, ka a ne a o ikanya o o mo solofeditseng jalo.


O ne a na le basadi ba le babedi, leina la mongwe e le Hana, leina la yo mongwe e le Phenina. Phenina o ne a na le bana, mme Hana a se na bana.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan