Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:68 - Setswana 1970

68 “A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele; gonne o lekotse morafe wa ona, wa o direla kgololo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

68 Bakang Modimo, Morena wa Iseraele gonne o tsile go etela batho ba gagwe mme o ba golotse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

68 Go tsegohala Morena Morimo oa Yeserela; gone o lekotse, mi o rekolotse bathu ba ona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

68 “A go bakwe Morena Modimo wa Iseraele, gonne o lekotse batho ba one, o bile o ba diretse thekololo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:68
24 Iomraidhean Croise  

A go bakwe Modimo o o godimodimo o o neetseng baba ba gago mo diatleng tsa gago!” Aborame a mo ntshetsa karolo ya lesome ya tsotlhe.


a re: “A go bakwe Morena, Modimo wa ga Aborahame mongwake, yo o sa tlosang bopelotlhomogi jwa gagwe le boammaaruri jwa gagwe mo go mongwake! O ntsamaisitse mo tseleng, a nkgogela lapeng la monnaa morena wa me.”


A ba a re: “A go bakwe Morena Modimo wa ga Seme, mme Kanana e nne motlhanka wa gagwe!


Kgosi e bile e buile jaana ya re: ‘A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele, o o beileng mongwe wa losika lwa me kajeno, a nna mo sedulong sa me sa bogosi, matlho a me a ntse a mmona.’ ”


Gape ya re: “A go tumisiwe Morena, Modimo wa Iseraele, o o dirafaditseng ka seatla sa ona se o se solofeditseng Dafita rre ka molomo wa ona wa re:


Dafita a ba a boka Morena mo matlhong a phuthego yotlhe a re: “A go bokwe wena Morena, Modimo wa ga Iseraele rraetsho, go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng.


Morago ga moo Dafita a raya phuthego yotlhe a re: “A ko lo bake Morena, Modimo wa lona!” Phuthego yotlhe ya baka Morena, Modimo wa borraabo; ba be ba inama, ba ikobela fatshe fa pele ga Morena le kgosi.


A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele go tswa bosenang-tshimologo go ya bosakhutleng. A morafe otlhe o re: “Amen!” Haleluya!


Batho ba gagwe o ba rometse kgololo; o laetse kgolagano ya gagwe go nna e e sa khutleng; leina la gagwe le boitshepo, le a tshabega.


Ke ene yo o tla gololang Iseraele mo ditshiamololong tsotlhe tsa gagwe.


Mme nna o ntshegeditse, ka ke se na molato, o nkemisa fa pele ga sefatlhego sa gago ka bosakhutleng.


Morafe wa dumela. Ya re ba sena go utlwa gore Morena o etse Baiseraele tlhoko, o bonye pogisego ya bone, ba inama, ba obamela Modimo.


wa re: O tla re namolela mo babeng ba rona, le mo mabogong a botlhe ba ba re tlhoileng,


Ba tla go gatakelela fa fatshe le bana ba gago ba ba mo teng ga gago, mme ga ba nke ba tlogela mo go wena lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, ka o se ka wa lemoga nako e Modimo o go etetseng ka yona.”


Yoo a tla ka yona nako eo, a leboga Modimo, a bua ka ga gagwe le botlhe ba ba lebeletseng kgololo ya Jerusalema.


Mme rona re ne re solofetse gore ke ene yo o tla gololang Iseraele. Le gona, kwa ntle ga dilo tsotlhe tse, kajeno e setse e le letsatsi la boraro, dilo tse di ntse di dirafetse.


Ke fa poifo e ba tshwara botlhe, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Moporofeti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona!” Gape ba re: “Modimo o lekotse batho ba ona.”


A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tshegofaditseng ka masego otlhe a mowa mo legodimong ka Keresete;


Re na le kgololo mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa ditlolo ka fa khumong ya bopelotlhomogi jwa ona,


Le gona, ga a a tsena ka madi a diphoko le a dinamane, mme o tsenye ka madi a e leng a gagwe gangwe fela mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo, a dira kgololo e e sa khutleng.


A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tsetseng gape ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa ona, gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing,


Ke fa Dafita a raya Abikaile a re: “A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele, yo o go romileng kajeno go nkgatlhantsha.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan