Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:66 - Setswana 1970

66 Botlhe ba ba di utlwang ba di tshola ka pelo ba re: “Kana ngwana yo, o tla nna eng?” Gonne letsogo la Morena le ne le na nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

66 Mme batho botlhe ba ba utlwileng kaga gone, ba akanya ka boleele ba ipotsa ba re, “Re a gakgamala gore ngwana yo o tsile go nna eng? Gonne letsogo la Morena ruri le mo okame ka mokgwa mongwe wa botlhokwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

66 Mi botle ba ba utluañ lilo tse, ba li tsaea ka pelu tsa bona, ba re, Ana ñuanyana eo, o tla na yañ! mi seatla sa Morena se le se na nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

66 Botlhe ba ba utlwang, dilo tse, ba di tsaya ka pelo ba re: “Kana ngwana yo, e tlaa nna yo o ntseng jang!” Gonne seatla sa Morena sa bo se nna nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:66
16 Iomraidhean Croise  

Bomogolowe ba mo fufegela, mme rraagwe a boloka dilo tseo mo pelong.


Mme Morena o ne a na le Josefa, a nna monna yo o tlhogonolo, a nna mo ntlong ya morena wa gagwe wa Moegepeto.


Mme seatla sa Morena sa nna mo go Elia, a ba a itlama letheka, a taboga fa pele ga Ahabe go ya go fitlha kwa Iserele.


Ke bolokile Lefoko la gago mo pelong ya me gore ke se ka ka go leofela.


Se fisitswe ka molelo, sa kgaolwa; a baba ba latlhege ka kgalemelo ya sefatlhego sa gago.


Ke bonye Dafita, motlhanka wa me, ka mo tlotsa lookwane lwa me lo lo boitshepo,


Mme ngwana a gola, a tia mo moweng; a ba a nna mo dikakeng go fitlha mo letsatsing la go ipontsha mo go Iseraele.


Maria a boloka dipolelo tsotlhe tseo, a di akanya mo pelong ya gagwe.


Ngwana ene a gola, a tia, a tlala botlhale, mme tshegofatso ya Modimo e ne e le mo go ene.


Mme a tsamaya nabo, a fitlha mo Nasaretha, a ba utlwa; mmaagwe a boloka mafoko aotlhe ao mo pelong.


“Tsenyang mafoko a mo ditsebeng tsa lona: Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho.”


Letsogo la Morena la nna nabo, mme ba bantsi ba dumela, ba sokologela mo Moreneng.


ka ntlha ya tsholofelo ya se lo se beetsweng mo magodimong, se lo setseng lo utlwile ka ga sona ka Lefoko la boammaaruri la Efangele


Ga araba mongwe wa makau a re: “Ke itse mongwe, ke morwa Isai wa kwa Betleheme. O itse go letsa; le gona ke senatla se se tiileng le mogale tlhabanong, e bile o itse go bua; ke monna yo montle, mme Morena o na nae.”


Mme Samuele o ne a ntse a direla fa pele ga Morena, e le mosimane yo o apereng khiba ya letseta.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan