Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:65 - Setswana 1970

65 Poifo ya wela botlhe ba ba agileng tikologong ya bone; dikgang tsotlhe tseo tsa bolelwa mo lefatsheng lotlhe la makgabana la Jutea.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

65 Kgakgamalo ya wela botlhe ba ba agileng gaufi, mme mafoko a se se diregileng a anama le dithota tsa Judea.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

65 Mi ga tla poiho go bona ba ba agileñ kua lithokoñ cotle tsa bona; mi ga buleloa segolu ga lilo tse cotle, mo hatsiñ yeotle ya makhuyana ya Yuda.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

65 Poifo ya wela botlhe ba ba agileng mo tikologong ya bone; dipolelo tse tsotlhe, tsa bolelwa thata mo lefatsheng lotlhe la makgabana la Jutea.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:65
12 Iomraidhean Croise  

E rile Jesu a sena go tsalelwa kwa Betleheme wa Jutea mo malatsing a kgosi Herote, batlhalefi bangwe ba tswa kwa botlhabatsatsi, ba fitlha mo Jerusalema ba re:


Mo malatsing ao Maria a nanoga, a ya ka potlako kwa lefatsheng la makgabana, kwa motseng mongwe wa Juta,


Mme botlhe ba ba utlwang ba gakgamalela tse ba di boleletsweng ke badisa.


Foo ba tlholelwa botlhe, ba galaletsa Modimo, ba tlala poifo ba re: “Re tlhotse re bonye disitapelo.”


Ke fa poifo e ba tshwara botlhe, ba be ba galaletsa Modimo ba re: “Moporofeti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona!” Gape ba re: “Modimo o lekotse batho ba ona.”


Jaanong selo se sa itsiwe ke botlhe, Bajuta le Bagerika, ba ba agileng mo Efeso; poifo ya ba wela botlhe, mme leina la Morena Jesu la tumisiwa.


Poifo ya tshwara dipelo tsotlhe; dikgakgamatso le ditshupo di le dintsi di ne di dirwa ke baapostolo.


Foo poifo e kgolo ya tlela phuthego yotlhe le botlhe ba ba utlwang dilo tse.


Ya re Anania a utlwa mafoko a, a wela fa fatshe, a swa. Foo poifo e kgolo ya tlela batho botlhe ba ba utlwang.


Jošua a fenya jalo mo nageng yotlhe ya dithaba le ya borwa le e e kwa tlase le ya diphologo tsa dithaba, le dikgosi tsotlhe tsa teng a di fenya, a se ka a sadisa mofalodi ope; a dirafatsa khutso ya Modimo mo go tsotlhe tse di phelang jaaka Morena, Modimo wa Iseraele, a laotse.


Mme banna ba Gibeone ba roma kwa go Jošua kwa bothibelelong jwa Gilegala ba re: “O se ka wa repisa mabogo, wa a tlosa mo batlhankeng ba gago. Tlaya kwano go rona ka pele, o re pholose, o re thuse! Gonne dikgosi tsa Baamori tse di agileng mo dithabeng di kgobokanye go lwa le rona.”


Mme morago ga malatsi a le mararo le bontlhanngwe jwa letsatsi mowa wa botshelo wa tsena mo go bone, o tswa Modimong, ba ema ka dinao, mme poifo e kgolo ya wela mo go bone ba ba ba bonang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan