Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:6 - Setswana 1970

6 Ba bo ba siame fa pele ga Modimo ka bobedi jwa bone, ba tsamaya mo ditaolong tsotlhe le mo ditaong tsa Morena, ba se na molato.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Sakarea le Elisabetha e ne e le batho ba ba boifang Modimo, ba tlhokometse go utlwa melao yotlhe ya Modimo mo moweng le mo lokwalong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi ba tu ba, ba bo ba siame ha pele ga Morimo, ba tsamaea mo litaoloñ cotle, le mo mekhueñ ea Morena, ba sina molatu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Ba bo ba le tshiamo fa pele ga Modimo ka bobedi jwa bone, ba tsamaya mo ditaolong tsotlhe le mo ditaong tsa Morena ba se na molato.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:6
33 Iomraidhean Croise  

E rile Aborame a le dinyaga di le 99, Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Ke nna Modimo Rra-thata-yotlhe! Sepela fa pele ga me, foo o nne mosiami.


Tsa bophelo jwa ga Noa ke tse: Noa e ne e le monna yo o siameng, a se na molato mo bathong ba metlha ya gagwe; Noa o ne a sepela le Modimo.


Jaanong Morena a raya Noa a re: “Tsena mo mokorong, wena le ba lapa la gago botlhe; gonne ke go bonye o le mosiami mo gare ga ba metlha eno.


Ka gonne Dafita o ne a dirile tse di siameng mo matlhong a Morena, mme a se ka a fapoga mo go sepe sa tse a di mo laetseng ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe, fa e se ka go leofela Uria wa Mohethe fela.


Jaanong fa le wena o sepela fa pele ga me jaaka Dafita rraago ka pelo e e se nang molato le ka nnete, ka go dira fela jaaka ke go laetse; fa o tshegetsa melao ya me le ditshiamelo tsa me,


“Ao, Morena, a ko o gakologelwa ka fa ke sepetseng ka teng fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo yotlhe, ka dira tse di molemo mo matlhong a gago.” Hesekia a ba a lela thata.


mme a batla Modimo wa ga rraagwe, a sepela ka fa ditaelong tsa ona, e seng ka fa tirong ya Baiseraele.


Go ne go le monna mo lefatsheng la Use, leina la gagwe e le Jobe. Monna yoo o ne a siame, a se na molato, a boifa Modimo, a tshaba bosula.


Morena a ba a botsa Satane a re: “Jobe motlhanka wa me, a ò etse tlhoko? Gonne ga go na monna ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng. O siame, ga a na molato, o boifa Modimo, o tshaba bosula.”


“Ke nnete. Ke a itse gore go ntse jalo. Motho o ka nna jang mosiami fa pele ga Modimo?


Foo nka bo ke sa tlhajwe ke ditlhong, fa nka bo ke tlhokomela ditaelo tsa gago tsotlhe.


Mme ba bo ba se na ngwana, ka Elisabete e le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse ka bobedi jwa bone.


Mme Jesu a ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisang fa pele ga batho, mme Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlomaditsweng ke batho, ke makgapha fa pele ga Modimo.


Go ne go le motho mo Jerusalema yo leina la gagwe e leng Simeone; motho yoo a bo a siame, e le mmoifa-Modimo, a lebeletse kgomotso ya Iseraele, mme Mowa o o Boitshepo o le mo go ene.


Gonne Dafita o ne a bua ka ga gagwe a re: “ ‘Ke ne ke bona Morena fa pele ga me ka gale, ka a le ka fa letsogong la me le le jang, gore ke se theekele.


Jaanong Paulo a tlhoma matlho mo lekgotleng le legolo, a ba raya a re: “Banna ba ga etsho, ke phedile ka segakolodi se se molemo fa pele ga Modimo go fitlhela letsatsing leno.”


Ke bile ke ntse ke itlwaetsa go nna le segakolodi se se se nang molato ka gale mo Modimong le mo bathong.


Ga o na kabelo, le e seng tshiamelo mo neong eo; gonne pelo ya gago e kgopo fa pele ga Modimo.


gore tshiamo e e batlwang ke molao e dirafale mo go rona ba re sa tsamaeng ka fa nameng, mme e le ka fa moweng.


Ke a lo boka, ka lo nkgopola mo go tsotlhe, e bile lo tshegeditse ditao, ka fa ke di lo laetseng ka teng.


Gonne pelafalo ya rona ke e, e bong tshupo ya digakolodi tsa rona ya gore re tshedile ka boitshepo le ka bophepa jwa Modimo mo lefatsheng, bogolo mo go lona, e seng ka botlhale jwa nama, mme e le ka bopelotlhomogi jwa Modimo;


Sepelang gotlhe fela mo tseleng e Morena, Modimo wa lona, a e lo laetseng gore lo tle lo tshele, lo tlhogonolofale, lo nne malatsi a mantsi mo lefatsheng le lo tla le ruang.


gore lo nne lo se na molato, lo le bopeloephepa le bana ba Modimo ba ba sa nyatsegeng mo gare ga batho ba ba kgopo le tshokamo, ba lona lo phatsimang mo go bone jaaka dinaledi mo lefatsheng;


jaanong Jesu o lo ruantse ka loso a le mo mmeleng wa gagwe wa nama gore a lo emise fa pele ga ona, lo le boitshepo, lo se na molato, lo sa nyatsege;


gore dipelo tsa lona di tiisiwe, di se nne molato, di nne mo boitshepong fa pele ga Modimo Rraarona, mogang Jesu, Morena wa rona, a tlang gape le baitshepi botlhe ba gagwe.


Ka ntlha ya moo, baratwa, a e re lo lebeletse dilo tseo, lo tlhoafale gore lo fitlhelwe fa pele ga one lo se na maswe, le fa e le molato, mme lo le mo kagisong.


Fa lo itse gore ene o tshiamo, lo nne lo itse gore le mongwe le mongwe yo o dirang tshiamo o tsetswe ke ene.


Se re itseng ka sona gore re a mo itse, ke fa re tshegetsa ditaolo tsa gagwe.


Banaka, se timediweng ke ope; yo o dirang tshiamo ke mosiami, jaaka ene e le mosiami.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan