Luke 1:51 - Setswana 197051 O dirile ka thata ya letsogo la gagwe; a falatsa ba ba ikgodisang mo kakanyong ya dipelo tsa bone. Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha51 “Nonofo ya letsogo la gagwe e kgolo jang! O faladitse baikgantshi le ba ba ikgodisang. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)51 O rihile tiho e e thata ka cogo ya ona; o halaritse ba bopeluumpe mo likhakologeloñ tsa pelu tsa bona. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo51 O supile nonofo ka letsogo la one; o faladitse ba ba pelompe mo ditlhatlhanyong tsa dipelo tsa bone. Faic an caibideil |
Kampo a go na le modimo mongwe o o kileng wa tla go itseela setšhaba mo gare ga setšhaba se sengwe ka diteko le ka ditshupo le ka dikgakgamatso le ka ntwa le ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng le ka ditheregiso tse dikgolo fela jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo diretse kwa Egepeto mo matlhong a lona?