Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:49 - Setswana 1970

49 ka gonne Yo-o-thata o ntiretse tse dikgolo; leina la gagwe le boitshepo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

49 “Gonne ene yo mogolo yo o boitshepo, o ntiretse dilo tse dikgolo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

49 Gone ona o o leñ thata o ’ntihetse lilo tse li kholu, mi leina ya ona le boitsepho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

49 Gonne one o o leng thata o ntiretse dilo tse dikgolo; mme leina la one le boitshepo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:49
21 Iomraidhean Croise  

E rile Aborame a le dinyaga di le 99, Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Ke nna Modimo Rra-thata-yotlhe! Sepela fa pele ga me, foo o nne mosiami.


Batho ba gagwe o ba rometse kgololo; o laetse kgolagano ya gagwe go nna e e sa khutleng; leina la gagwe le boitshepo, le a tshabega.


Mme Kgosi ya kgalalelo ke mang? Ke Morena yo o thata, yo o bonatla, Morena, senatla mo tlhabanong.


A ba bake leina la gago le legolo la poitshego! Ke le le boitshepo.


Godisang Morena, Modimo wa rona, lo ikobele fa pele ga thaba ya gagwe e e boitshepo; gonne Morena, Modimo wa rona, o boitshepo.


Morena, ke mang mo medimong yo o tshwanang le wena? Ke mang yo o galaleditsweng ka boitshepo, yo o boitshegang ka ditiro tse di bokwang, yo o dirang dikgakgamatso jaaka wena?


Ke ka moo go buang Morena, Morena wa masomosomo, Senatla sa Iseraele, a re: “Ahee! Ke tla gomotsega ka go betsa ba ba nkganetsang, ke rata go ipusolosetsa mo babeng ba me!


Gonne go bua jaana yo o tlotlometseng yo o godimodimo, yo o agileng mo bosakhutleng, yo leina la gagwe e leng Yo-o-Boitshepo, a re: “Ke agile kwa godimodimo le mo felong ga boitshepo. Le gona ke ntse ke na le yo o mowa o ngomogileng, o o kokobeditsweng, gore ke lapolose mewa ya ba ba kokobeditsweng, ke rudise pelo tsa ba ba bogisegileng.


Ba bitsanya ba re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Morena wa masomosomo; lefatshe lotlhe le tletse kgalalelo ya gagwe.”


Ke mang yo o tswang kwa Etomo, kwa Bosera, a apere diaparo tse dikhibidu? Ke mang yo dikobo tsa gagwe di galalelang, yo o gwantang ka thata e kgolo ya gagwe? “Ke nna yo ke buang boammaaruri, ke nonofile go pholosa!”


Ga go na ope yo o tshwanang nao, Morena; o mogolo, le leina la gago le legolo ka bonatla.


Mme Morena o na le nna a le senatla se se boitshegang; ka moo ba ba ntebelang ba tla wa, ba sa fenye. Ba tla tlhajwa ke ditlhong tse dikgolo, gonne ga ba a kgona sepe. Ke kgala e e sa khutleng e e sa lebalweng.


A e letlelela. Jaanong mewa e e itshekologileng ya tswa, ya tsena mo dikolobeng, mme motlhape wa kgokologela ka fa makgotlhong mo letsheng, e ka nna di le 2 000, tsa betwa mo metsing.


Gonne o ne a leba bobotlana jwa lelata la gagwe. Bona, go tloga jaanong ditshika tsotlhe di tla mpitsa yo o sego;


Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo mo go ba ba mmoifang mo ditshikatshikeng.


Mme ona o o nonofileng go dira bogolo go feta tsotlhe tse re ka di kopang le tse re ka di gopolang ka fa thateng e e dirang mo go rona,


Ke mang yo o se kitlang a go boifa Morena, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; merafe yotlhe e tla tla, e obamela fa pele ga gago; ka gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di senogile.”


Sengwe le sengwe sa diphedi tse nne tseo se ne se na le diphuka di le thataro, di tletse matlho ka fa ntle le ka fa teng, di sa ikhutse bosigo le motshegare, di ntse di bua di re: “Go boitshepo, go boitshepo, go boitshepo Morena, Modimo Mothatayotlhe yo o neng a le teng, yo o leng teng, yo o tla tlang!”


Ga go na ope yo o boitshepo jaaka Morena; gonne ga go na ope kwa ntle ga gago; ga go na lefika le le tshwanang le Modimo wa rona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan