Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:48 - Setswana 1970

48 Gonne o ne a leba bobotlana jwa lelata la gagwe. Bona, go tloga jaanong ditshika tsotlhe di tla mpitsa yo o sego;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

48 Gonne o tlhokometse motlhanka wa one wa morweetsana, le jaanong kokomana morago ga kokomana go ya bosakhutleng ba tlaa mpitsa mosegofadiwa wa Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

48 Gone o bonye popego ea khumanego ea mohula oa ona; gone, bona, yana litsika cotle li tla ’mpitsa motsegoharioi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

48 Gonne o lebile bobotlanyana jwa lelata la one; gonne bona, jaana ditshika tsotlhe di tlaa mpitsa mosegofadiwa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:48
19 Iomraidhean Croise  

Ke fa Lea a re: “A lesego la me! Jaanong basadi ba tla mpoka ba re, ke sego.” A mo taya leina la Asere.


“Jaanong he, raya Dafita motlhanka wa me jaana o re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: Ke nna ke go tsereng kwa morakeng o setse dinku morago gore o nne moeteledipele wa morafe wa me wa Iseraele,


Gonne Morena o aga Sione, o bonwa mo kgalalelong ya gagwe.


Yo o re gopotseng mo bobotlaneng jwa rona; gonne bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.


Gonne Morena o godimo, mme o leba yo o boikokobetso; mme yo o ikgodisang ena o mo itse a sa le kgakala.


A leina la yona le nnele ruri. A leina la yona le tlhoge letsatsi le ntse le le teng; a ditšhaba tsotlhe di tshegofadiwe ka yona, a di e boke di re: Kgosi e tlhogonolo.


Ke seatla sa me se se dirileng dilo tsotlhe tse; dilo tsotlhe tsa tlholega jalo, go bua Morena. Mme yo ke tla mo lebang, ke yo o bogisegang, yo o mowa o sugegileng, yo o boifang lefoko la me.


“Ditšhaba tsotlhe di tla lo tumisa di re: ‘Lo letlhogonolo;’ gonne lefatshe la lona e tla nna le le kgatlhisang,” go bua Morena wa masomosomo.


Ya re moengele a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Dumela, yo o tlhogonolofaditsweng, Morena o na nao; o tshegofaditswe mo basading.”


a tlhatlosa lentswe a re: “O tshegofaditswe mo basading, go bile go tshegofaditswe leungo la mmele wa gago.


Mme go sego yo o dumetseng, ka gonne tse ò di boleletsweng ke Morena di tla dirafala.”


ka gonne Yo-o-thata o ntiretse tse dikgolo; leina la gagwe le boitshepo.


Ya re a sa ntse a bua jalo, mosadi mongwe mo bontsing a tsholetsa lentswe, a mo raya a re: “Go sego mmele o o go belegeng, le mabele a o a amuleng.”


a ikana maikano a re: “Morena wa masomosomo, fa o ka leba pogisego ya lelata la gago, wa nkgopola, wa se ka wa lebala lelata la gago, wa naya lelata la gago ngwana wa mosimane, foo ke tla mo neela Morena ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe, mme ga a kitla a angwa ke logare mo tlhogong.”


O tsosa ba ba fokolang mo leroleng, o tsholetsa bahumanegi mo thotobolong go ba nnisa le batlotlegi; o ba ruisa sedulo sa bogosi sa kgalalelo. Gonne maotwana a lefatshe ke a Morena, o beile lefatshe mo go ona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan