Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:41 - Setswana 1970

41 Ya re Elisabete a utlwa tumediso ya ga Maria, ngwana a tlola mo mpeng ya gagwe. Mme Elisabete a tlala Mowa o o Boitshepo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41 Mme ya re Elisabetha a utlwa tumediso ya ga Marea, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe mme Elisabetha a tlala Mowa o o Boitshepo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 Mi ga rihala ka Elisabete a utlua tumerisho ea ga Marie, ñuana a tlola mo sebopeloñ sa gague; mi Elisabete a tlarioa ka Moea oa Boitsepho:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 Ga dirala ya re Elisabethe a utlwa tumediso ya ga Maria, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe; Elisabethe a tlala Mowa o o Boitshepo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:41
15 Iomraidhean Croise  

Mme bana ba thulana mo teng ga gagwe. Ke fa a re: “Fa go ntse jalo ke phelelang?” Mme a ya go botsa Morena.


Ee, ke wena yo o nntshitseng mo mmeleng wa ga mme; wa ntapolosa mo mabeleng a ga mme.


ka gonne o tla nna mogolo fa pele ga Morena. Ga a nke a nwa weine, le fa e le seno se se tagang, mme o tla tlala Mowa o o Boitshepo go tloga sebopelong sa ga mmaagwe.


a feta a tsena mo ntlong ya ga Sagaria, a dumedisa Elisabete.


a tlhatlosa lentswe a re: “O tshegofaditswe mo basading, go bile go tshegofaditswe leungo la mmele wa gago.


Gonne bona, e rile lentswe la tumediso ya gago le tsena mo ditsebeng tsa me, ngwana a tlola ka boipelo mo mpeng ya me.


Jaanong Sagaria rraagwe a tlala Mowa o o Boitshepo, a bua ka ona a re:


Jaanong Jesu a boa kwa Joretane, a tletse Mowa o o Boitshepo, a ba a gogelwa ke Mowa kwa le kwa mo sekakeng


Mme botlhe ba tlala Mowa o o Boitshepo, ba simolola go bua ka diteme di sele ka fa Mowa o ba buisang ka teng.


Ke fa Petoro a ba araba, a tletse Mowa o o Boitshepo, a re: “Lona balaodi ba morafe le bagolo ba Iseraele,


Ka moo, bakaulengwe, itlhopheleng banna ba supa mo go lona, ba ba supelwang gore ba siame, ba ba tletseng Mowa le botlhale, ba re ka ba laodisang tiro e e batlegang eo.


Mme ene, ka a tletse Mowa o o Boitshepo, a fela a ntse a leletse kwa legodimong, a bona kgalalelo ya Modimo le Jesu a eme ka fa ntlheng ya le le jang ya Modimo.


Anania a tloga, a tsena mo ntlong, a mmaya diatla a re: “Saule, mokaulengwe, Morena, e bong Jesu yo o bonetseng go wena mo tseleng e ò tsileng ka yona, o nthomile gore o boe o bone, le gore o tladiwe Mowa o o Boitshepo.”


Se tagweng ke bojalwa, ka botlhaswa bo tswa mo go jona; mme tlalang Mowa;


Ke ne ka tsenwa ke Mowa ka Letsatsi la Morena, ka utlwa lentswe le legolo kwa morago ga me, e kete la phala,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan