Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:36 - Setswana 1970

36 Bona, Elisabete wa ga eno le ene o ithwele ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe; kgwedi eno ke ya borataro ya gagwe, ene yo o neng a bidiwa moopa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

36 Mo godimo ga moo, Elisabetha ntsalao wa ‘moopa’ jaaka a bidiwa-o setse a na le dikgwedi di le thataro a ithwele mo botsofeng ja gagwe!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

36 Mi bona, le ena Elisabete, tsala ea gago, o ithuele mosimane mo bocoheñ yoa gague; mi khueri e, e le ea bo‐sekes ea gague, eo o birioañ moopa;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

36 Bona, Elisabethe wa losika lwa gago, le ene o ithwele ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe; mme e, ke yone kgwedi ya borataro mo go ene yo o neng a bidiwa moopa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:36
10 Iomraidhean Croise  

Sarai ene e ne e le moopa, a se na ngwana.


Sarai, mosadi wa ga Aborame, o ne a sa mmelegele bana; jaanong a na le lelata la Moegepeto, leina la lone e le Hagare.


Kana Aborahame le Sara ba ne ba tsofetse, ba godile thata; mokgwa wa sesadi o sa tlhole o dirafalela Sara.


Sara a nna moimana, a belegela Aborahame ngwana wa mosimane mo botsofeng jwa gagwe ka nako e Modimo o neng o e mmoleletse.


Mme mosadi a nna moimana, a tshola ngwana wa mosimane e le isago ka nako e Elisa o e mmoleletseng.


Go na le sebaka sa go tsalwa le sebaka sa go swa; sebaka sa go tlhoma le sebaka sa go kumola tse di tlhomilweng;


Moengele a mo araba a re: “Mowa o o Boitshepo o tla tla mo go wena, le thata ya Mogodimodimo e tla go ritifalela; mme ka ntlha ya moo ngwana yo o boitshepo yo o tla belegwang ke wena o tla bidiwa Morwa Modimo.


Gonne ga go na sepe se se ka palelang Modimo.”


Mo malatsing a ga Herote, kgosi ya Jutea, go ne go le moperesiti mongwe yo leina la gagwe e leng Sagaria, wa lesomo la ga Abia; mosadi wa gagwe e ne e le wa bomorwadia Arone, leina la gagwe e le Elisabete.


Ke ka tumelo, fa Sara a ne a newa thata ya go ka nna moimana, mme a belega a fetilwe ke dinyaga tsa teng, ka a ne a o ikanya o o mo solofeditseng jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan