Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:3 - Setswana 1970

3 Le nna, ya re ke sena go tlhotlhomisa tsotlhe ka botlalo go tswa tshimologong, ka gopola gore go ka nna molemo go di go kwalela ka thulaganyo, wena Theofilo yo o tlotlegang segolo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala mo go nna gore go ka siama fa nka boelela dipolelo tse gape go simolola ka palo ya ntlha go ya kwa go ya bofelo morago ga tlhotlhomiso tota ke be ke lo bolelela polelo e.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Le ’na kintse ki ikaeletse ha e le molemo, ka ki tlotlomisitse rure lilo cotle go tsa tsimologoñ, go gu kualela ka thulaganyo, Teofelo oa tlotlego;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 le nna, ka ke tlhotlhomisitse ruri dilo tsotlhe le tsa tshimologo, ke ntse ke ikaeletse fa go ka nna molemo go go kwalela ka thulaganyo,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:3
17 Iomraidhean Croise  

Go sego monna yo o ikanyang Morena, a sa fapogele kwa baikgantshing le kwa baikeping ba maaka.


Dilo tse o di dirile, mme ka didimala. Wa ithaya wa re, ke tshwana fela le wena; ke tla go supetsa, ke di baya fa pele ga matlho a gago.


go go ruta nnete le mafoko a a ikanyegang gore o tle o arabe yo o go botsang ka mafoko a boammaaruri.


Moreri yoo o ne a se botlhale fela; le gona o ne a ruta batho kitso, a akanya, a tlhotlhomisa, a tlhaba diane tse dintsi.


Batho ba le bantsi ba setse ba dirile letsapa la go kwala ka thulaganyo polelo ya tse di dirafetseng mo go rona, tse di tlhomameng,


Lokwalo lwa pele ke lo kwadile, wena Theofilo, ka ga tsotlhe tse Jesu o simolotseng go di dira le go di ruta,


Mme Petoro a simolola go ba ranolela ka thulaganyo a re:


“Ke gona ka moo nna ke atlholang gore ba ba tswang mo baheitaneng ba ba sokologelang Modimong, re se ka ra ba imetsa,


re fitlhetse go le molemo, mme ra dumalelana go tlhaola banna le go ba roma koo go lona, ba na le Baranaba le Paulo, baratiwa ba rona,


Gonne go kgatlhile Mowa o o Boitshepo le rona gore re se ka ra lo rwesa morwalo ope o sele kwa ntle ga tse di batlegang tsa gore


Ya re a sena go nna sebaka teng, a tloga, a ralala lefatshe la Galatia le la Feregia ka go tlhomoganya mafelo, a tiisa barutwa botlhe.


“Nna Kelaudio Lisia ke dumedisa Felekise, molaodi yo o tlotlegang segolo, ka re:


ka mekgwa yotlhe le mo ntlheng tsotlhe, re amogela gona ka tebogo yotlhe, wena Felekise yo o tlotlegang segolo.


Paulo a fetola a re: “Feseto, motlotlegi yo mogolo, ga ke tsenwe, ke bua mafoko a boammaaruri le a tlhaloganyo.


Fa e le Apolo, mokaulengwe, ene ke mo rapetse thata gore a ye koo go lona mmogo le bakaulengwe. Mme o ne a sa rate ka gope go ya koo jaanong; o tla tla ka sebaka se se mo lebanyeng.


Mme ka fa maikutlong a me o sego bogolo, fa a ka nna fela jaaka a ntse, mme ke gopola gore le nna ke na le Mowa wa Modimo.


Fa o gakolola bakaulengwe dilo tseo, o tla bo o le modiredi yo o molemo wa ga Keresete Jesu, o le yo o ikotlang ka mafoko a tumelo le a thuto e e siameng e o ntseng o e setse morago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan