Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:25 - Setswana 1970

25 “Morena o ntiretse jalo mo malatsing a o nkgopotseng ka ona go ntlosa kgobo mo bathong.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

25 “A goa” a re, “Morena o pelotlhomogi mo go kae, go ntsha tlotlologo ya me ya go tlhoka bana!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

25 Ki rihiloe yalo ki Morena mo malatsiñ a o ’mponyeñ ka aona, go ’ntlosa khobo mo bathuñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

25 “Morena o ntiretse jalo mo metlheng e o ntebileng ka yone go ntlosa kgobo mo bathong.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:25
14 Iomraidhean Croise  

Isaka o ne a rapela Morena ka ntlha ya mosadi wa gagwe, gonne o ne a le moopa. Morena a mo utlwa; mme Rebeka, mosadi wa gagwe, a ithwala.


Mme morwadia Saule, e bong Migale, a se ka a fiwa ngwana ope go ya letsatsing la loso lwa gagwe.


O tla nyeletsa loso ka go sa feleng. Modimo, Morena o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe, a tlosa kgobo ya morafe wa gagwe mo lefatsheng lotlhe. Gonne Morena o buile jalo.


Ka letsatsi leo basadi ba supa ba tla tshwara monna a le mongwe ba re: “Re tla ja dijo tsa rona, re apara diaparo tsa rona, fela a re ke re bidiwe ka leina la gago gore o tlose kgobo ya rona.”


Moengele a mo raya a re: “Sagaria, ò se ka wa boifa; gonne thapelo ya gago e utlwilwe. Elisabete, mosadi wa gago, o tla go belegela ngwana wa mosimane, mme ò bitse leina la gagwe Johane.


E rile morago ga malatsi ao, Elisabete, mosadi wa gagwe, a ithwala, a ba a iphitlha dikgwedi tse tlhano a re:


Ke ka tumelo, fa Sara a ne a newa thata ya go ka nna moimana, mme a belega a fetilwe ke dinyaga tsa teng, ka a ne a o ikanya o o mo solofeditseng jalo.


Gape a raya rraagwe a re: “A ke direlwe selo se: Mphe sebaka sa dikgwedi di le pedi, ke ye kwa dithabeng, ke lelele bokgarebe jwa me, nna le balekane ba me.”


Mme mogadikae a bo a mo tlhoafaditse ka dikgobo gore a mo utlwise botlhoko, ka Morena a mo timile bana.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan