Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:2 - Setswana 1970

2 fela jaaka re di neilwe ke ba ba di bonyeng ka matlho go tswa kwa tshimologong, mme ba nna badiredi ba Lefoko.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Go cuana yaka re li neiloe ki bona ba ba li bonyeñ, le ba ba le ba le bariheri ba lehuku mo tsimologoñ;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 fela jaaka re di neilwe ke ba ba di bonyeng ka matlho, le ba e neng e le badiredi ba lefoko mo tshimologong;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:2
25 Iomraidhean Croise  

Efangele ya ga Jesu Keresete, Morwa Modimo, e simologile


Mme bone ba tswa, ba rera mo dintlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa Lefoko ka ditshupo tse di le latelang.


Mojwadi o jwala Lefoko.


Lona lo basupi ba dilo tse.


Mme le lona lo tla supa; gonne lo ne lo ntse lo na le nna go tloga tshimologong.


Dilo tse ke di lo boleletse gore motlhang nako e tlang, lo gakologelwe gore ke di lo boleletse. “Ga ke a ka ka di lo bolelela go tloga tshimologong, ka gonne ke ne ke ntse ke na le lona.


Ke bone ba morago ga go boga ga gagwe a bileng a ba ipontsha e le yo o phelang ka ditshupo tse dintsi, a bonala mo go bone malatsi a le 40, a ntse a bolela tsa puso ya Modimo.


Mme lo tla bona nonofo ya Mowa o o Boitshepo, motlhang o tlang mo go lona; lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema le mo Jutea yotlhe le mo Samaria le go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe.”


Ya re ba se na go bolela Lefoko mo Perege, ba ya kwa Atalea.


Ba ralala lefatshe la Feregia le la Galatia, ka ba ilediwa ke Mowa o o Boitshepo go bolela Lefoko mo Asia.


Mme bone ba ne ba tsalegile bogolo go ba kwa Thesalonika, ba amogela Lefoko ka tlhagafalo yotlhe, ba lotolotsa Dikwalo ka letsatsi lengwe le lengwe gore a dilo tse, di ntse jalo.


Jaanong tsoga o eme ka dinao; gonne maikaelelo a ke go bonaletseng ka ona ke gore ke go dire modiredi le mosupi wa dilo tse o mponyeng ka tsona, le wa tse ke tla bonalang mo go wena ka tsona.


gonne rona ga re ka ke ra kgona go lesa go bua tse re di bonyeng le tse re di utlwileng.”


Jaanong ba ba faladitsweng ba ya le naga, ba eta ba rera lefoko la Efangele.


gore ke nne modiredi wa ga Keresete Jesu mo baheitaneng le moperesiti wa Efangele ya Modimo, gore baheitane ba nne tshupelo e e amogelegang, e e itshepisitsweng ke Mowa o o Boitshepo.


A motho mongwe le mongwe a re kaye jaaka re le batlhanka ba ga Keresete le balebeledi ba masaitsiweng a Modimo.


rona re ka falola jang, fa re tlhokomologa pholoso e e kalokalo? Ke e e rileng e sena go bolelwa pele ke Morena, rona ra e tlhomamisediwa ke ba ba e utlwileng;


Jaanong ke kaela bagolo ba phuthego ba ba mo go lona, ke le mogolo-ka-bone le mosupi wa dipogo tsa ga Keresete, ke bile ke tlhakanetse nae kgalalelo e e tla senolwang,


Gonne e rile re lo itsise thata ya Morena wa rona Jesu Keresete le go tla gape ga gagwe, ra bo re sa latele dinaane tse di rulagantsweng ka botlhale, mme re ne re le basupi ba ba bonyeng borena jwa gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan