Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:19 - Setswana 1970

19 Moengele a mo araba a re: “Ke nna Gaberiele yo ke emeng fa pele ga Modimo; mme ke romilwe go bua nao le go go bolelela mafoko ao a boitumelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

19 Hong moengele a mo raya a re, “Ke Gabariele ke eme sentle fa pele ga Modimo. Ke one o o ntho-mileng kwa go wena ka mafoko a a molemo a!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

19 Mi moengele a araba a mo raea, Ki ’na Gaberiela, eo ki emañ ha pele ga Morimo; mi ki romecoe go bua nau, le go gu bulelela mahuku a, a boitumelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

19 Moengele a mo fetola a re: “Ke nna Gaberiele, yo ke emang fa pele ga Modimo; ke romilwe go tla ke bua nao, le go go bolelela mafoko a, a boitumelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:19
8 Iomraidhean Croise  

Ka utlwa lentswe la motho le tswa mo teng ga noka ya Ulai, le kua le re: “Gaberiele! Mo tlhalosetse pono eo.”


“Itiseng gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke lo raya ke re: Baengele ba bone kwa magodimong ba bona ka gale sefatlhego sa ga Rre yo o kwa magodimong.


Mme bona, o tla nna semumu, o retelelwa ke go bua go fitlha mo letsatsing le dilo tseo di tla dirafalang ka lone, ka o sa dumela mafoko a me a a tla dirafadiwang ka sebaka sa ona.”


E rile ka kgwedi ya borataro moengele Gaberiele a rongwa ke Modimo kwa motseng wa Galelea o leina la ona e leng Nasaretha,


Moengele a ba raya a re: “Se boifeng; gonne bonang, ke lo tsiseditse mafoko a a molemo a boitumelo jo bogolo jo e tla nnang jwa batho botlhe;


Disang he, lo rapele ka nako nngwe le nngwe gore lo tle lo kgone go falola mo go tsotlhe tseo tse di tla dirafalang le go ema fa pele ga Morwa-Motho.”


E re ka jaanong re na le moperesiti yo mogolo bogolo yo o raletseng magodimo, e bong Jesu, Morwa Modimo, a re ngangatleleng boipolelo jwa tumelo ya rona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan