Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:18 - Setswana 1970

18 Sagaria a raya moengele a re: “Seo ke tla se lemoga ka eng? Gonne ke monna mogolo, le mosadi wa me o tsofetse.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

18 Hong Sakarea a raya moengele a re, “Mme mo ga go kgonege! Ke setse ke le monna mogolo jaanong, le mosadi wa me le ene o tsofetse.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 Mi Sakarie a raea moengele, Ki tla itse seuo ka eñ? ka ki cohetse, mi mosari oa me, nyaga tsa gague li lintsi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 Jalo Sakaria a raya moengele a re: “Golo mo ke tlaa go itse ka eng, ka ke le monnamogolo le mosadi wa me a tsofetse thata?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:18
10 Iomraidhean Croise  

Mme a re: “Morena Modimo, ke tla itse ka eng, fa ke tla le rua?”


Ke fa Aborahame a wela fa fatshe ka sefatlhego, a tshega, a ipotsa mo pelong a re: “A nka tsalelwa ngwana ke le dinyaga di le lekgolo? A Sara le ene o ka belega a setse a le dinyaga di le 90?”


Ka moo Sara a tshegela mo pelong a re: “A nka utlwa monate wa lorato ke setse ke onetse, le morena wa me a tsofetse?”


Mme molaodi wa batlhabani yo kgosi e neng e ikaega ka letsogo la gagwe a fetola monna wa Modimo a re: “Bona, le fa Morena a dira maroba kwa legodimong, a go ka dirafala jalo?” Mme Elisa a re: “Bona, o tla bona ka matlho a gago, mme ga o ne o ja dijo tsa teng.”


Hesekia o ne a boditse a re: “Ke eng se se ntshupetsang, fa ke tla ya gape kwa Ntlong ya Morena?”


Maria a raya moengele a re: “Seo se tla dirafala jang, ka ke sa itse monna?”


Mme ba bo ba se na ngwana, ka Elisabete e le moopa, ba bile ba setse ba tsofetse ka bobedi jwa bone.


Mme ga a ka a koafala mo tumelong, fa a leba mmele wa gagwe o o setseng o onetse, dinyaga tsa gagwe e le tse di ka nnang lekgolo, le mmele wa ga Sara o o setseng o onetse.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan