Luke 1:17 - Setswana 197017 O tla mo etelela pele mo moweng le mo thateng ya ga Elia go sokololela dipelo tsa borra-bana mo baneng, le ba ba sa utlweng go ba sokololela mo maikutlong a basiami, go baakanyetsa Morena setšhaba se se etleeditseng.” Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha17 E tlaa nna motho yo o mowa o makgawekgawe a nonofile jaaka Elija, moporofiti yo mogolo; mme o tlaa etelela pele go tla ga ga Mesia, a baakanyetsa batho go goroga ga gagwe. O tlaa ba ruta go rata Morena fela jaaka bagolwane ba bone ba ne ba dira, le go tshela jaaka batho ba ba boifang Mo-dimo.” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)17 Mi o tla mo etelela pele mo moeeñ, le mo thateñ ea ga Eliyahue, go shukulolela pelu tsa bo‐rra go baneñ, le tsa ba ba lonyaco go botlaleñ yoa ba ba siameñ; go etletsa bathu, go ba etleletsa Morena. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo17 O tlaa mo etelela pele ka mowa le ka nonofo ya ga Elija, go sokololela dipelo tsa borara mo baneng, le ba ba sa utlweng go sepela mo botlhaleng jwa basiami; go baakanyetsa Morena sešaba se o se etleeleditsweng.” Faic an caibideil |
Ka ba ka bona ditulo tsa bogosi, mme baatlhodi ba nna mo go tsona, ba neelwa katlholo; gape ka bona mewa ya ba ba kgaotsweng ditlhogo ka ntlha ya go ipolela Jesu le ka ntlha ya Lefoko la Modimo, ba sa obamela sebata le e seng setshwantsho sa sona, ba sa ipaya letshwao mo diphatleng le mo diatleng; ba tsoga, ba busa mmogo le Keresete dinyaga di le kete.