Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:14 - Setswana 1970

14 O tla nna le boitumelo le boipelo; mme ba bantsi ba tla itumelela go tsalwa ga gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

14 Ka bobedi jwa lona lo tlaa nna le boipelo jo bogolo le boitumelo ka botsalo jwa gagwe, mme ba le bantsi ba tla ipela le lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Mi u tla na le boitumelo le tlapelo, mi bontsi bo tla itumela mo botsaloñ yoa gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 O tlaa nna le boitumelo le boipelo; le batho ba le bantsi ba tlaa itumelela go tsalwa ga gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:14
8 Iomraidhean Croise  

Sara ene a re: “Modimo o ntiretse setshego; mongwe le mongwe yo o utlwang o tla ntshega.”


Ngwana yo o tlhalefileng o itumedisa rraagwe, mme motho wa lesilo o nyatsa mmaagwe.


Morwaaka, fa pelo ya gago e tlhalefa, pelo ya me le yona e tla itumela.


Rraagwe mosiami o ipela thata; motsadi wa letlhale o a le itumelela.


A go rogakwe monna yo o neng a begela rre mafoko a boitumelo a re: “O tsaletswe ngwana wa mosimane!” yo o neng a mo itumedisa thata.


Moengele a mo raya a re: “Sagaria, ò se ka wa boifa; gonne thapelo ya gago e utlwilwe. Elisabete, mosadi wa gago, o tla go belegela ngwana wa mosimane, mme ò bitse leina la gagwe Johane.


ka gonne o tla nna mogolo fa pele ga Morena. Ga a nke a nwa weine, le fa e le seno se se tagang, mme o tla tlala Mowa o o Boitshepo go tloga sebopelong sa ga mmaagwe.


E rile baaga-mmogo le ba ga gabo ba utlwa gore Morena o mo godiseditse boutlwelo-botlhoko jwa gagwe, ba itumela nae.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan