Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:13 - Setswana 1970

13 Moengele a mo raya a re: “Sagaria, ò se ka wa boifa; gonne thapelo ya gago e utlwilwe. Elisabete, mosadi wa gago, o tla go belegela ngwana wa mosimane, mme ò bitse leina la gagwe Johane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Mme moengele a mo raya a re, “Se boife, Sakarea! Gonne ke tletse go go bolelela gore Modimo o utlwile thapelo ya gago le mosadi wa gago Elisabetha o tlaa tshola ngwana wa mosimane! Mme o tlaa mo raya leina o re Johane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi moengele a mo raea, Sakaria, u si boihe, gone thapelo ea gago e utluiloe; mi mogaco Elisabete o tla gu belegela mosimane; mi leina ya gague u tla le bitsa Yohane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Mme moengele a mo raya a re: “Sakaria, o se ka wa boifa gonne thapelo ya gago e utlwilwe; mme mosadi wa gago Elisabethe o tlaa bona ngwana wa mosimane nao; mme o tlaa mo raya leina o re, Johane.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:13
27 Iomraidhean Croise  

Kgolagano ya me fa gare ga me le lona le bana ba gago morago ga gago e lo tshwanetseng go e tshegetsa ke e: A banna le basimane botlhe ba lona ba rupisiwe!


Mme Modimo wa re: “Ruri, Sara mosadi wa gago o tla go belegela ngwana wa mosimane; o mo tee leina la Isaka. Ke tla tlhomamisa kgolagano ya me nae le losika lwa gagwe morago ga gagwe gore e nne kgolagano e e sa khutleng.


A go na le sengwe se se ka palelang Morena? Isago ka nako e e beilweng ke tla boela kwano go wena; foo Sara o tla bo a na le ngwana wa mosimane.”


Isaka o ne a rapela Morena ka ntlha ya mosadi wa gagwe, gonne o ne a le moopa. Morena a mo utlwa; mme Rebeka, mosadi wa gagwe, a ithwala.


o agisa moopa mo ntlong go nna mma-bana yo o itumelang. Haleluya!


Ke tla go leboga, ka gonne o nkutlwile, wa nna pholoso ya me.


Jaanong ka atamela moporofeti wa sesadi, a nna moimana, a belega ngwana wa mosimane. Ke fa Morena a nthaya a re: “Mmitse Thukhutho-e-bobebe, Thopo-e-bonako.


A ba a nthaya a re: “Se boife, Daniele, gonne mafoko a gago a utlwilwe go tloga ka letsatsi la ntlha le o ineetseng ka lone go ela tlhoko le go ikokobetsa fa pele ga Modimo wa gago, mme ke tlile ka ntlha ya mafoko a gago.


Jaanong Morena a mo raya a re: “Mo tee leina la Iserele, gonne go setse sebaka se sekhutshwane fela, ke tla be ke beletsa melato ya polao ya kwa Iserele mo losikeng lwa ga Jehu, ke fedisa bogosi jwa Baiseraele.


Mosadi a ithwala gape, a tshola ngwana wa mosetsana. Morena a mo raya a re: “Mmitse Gaautlwelwa-botlhoko; gonne ga nkitla ke tlhola ke utlwela Baiseraele botlhoko le e seng go ba itshwarela.


O tla belega mosimane, mme wena o bitse leina la gagwe Jesu; gonne ke ene yo o tla gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.”


Jesu a akofa a bua nabo a re: “Namatshegang! Ke nna, se boifeng!”


Moengele a raya basadi a re: “Lona se boifeng! Kana ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe.


La ba raya la re: “Se reregeng; lo batla Jesu wa Nasaretha yo o neng a bapotswe. O tsogile, ga a yo fa! Bonang felo fa ba ne ba mmeile teng!


O tla nna le boitumelo le boipelo; mme ba bantsi ba tla itumelela go tsalwa ga gagwe;


Moengele a mo raya a re: “Maria, ò se ka wa boifa; gonne ò bonye bopelotlhomogi mo Modimong.


E rile malatsi a a robedi a sena go feta a gore ngwana a rupisiwe, leina la gagwe la bidiwa Jesu, le a le teilweng ke moengele, a ise a ithwalwe.


a nthaya a re: ‘Koronelio, thapelo ya gago e utlwilwe, le dikatso tsa gago di gopotswe fa pele ga Modimo.


Mme Morena a mo raya a re: “A kagiso e nne nao! Se boife! Ga o kitla o swa.”


Mme Morena a direla Hana molemo; a ithwala, a tshola gape bana ba basimane ba le bararo le ba basetsana ba le babedi. Mosimane Samuele ene a golela kwa Moreneng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan