Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:11 - Setswana 1970

11 Ke fa go bonala fa go ene moengele wa Morena, a eme ka fa ntlheng ya le le jang ya aletare ya maswalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11-12 Sakarea o ne a le mo felong ga boitshepo fa ka tshoganetso Moengele a iponatsa mo go ene, a eme ka fa letsogong le legolo la sebeso sa ma-shwalo! Sakarea o ne a tshogile ebile a gamaregile.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi ga bonala go ena moengele oa Morena, a eme ha ntleñ e e siameñ ea aletara ea tse ri ñkhañ monate.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Mme ga bonala kwa go ene moengele wa Morena, a eme ka fa ntlheng ya letsogo le le siameng la sebeso sa maswalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:11
15 Iomraidhean Croise  

A ba a tshele tsa maswalo ao mo molelong fa pele ga Morena gore musi wa maswalo o bipe sekhurumelo sa thuanyo se se khurumelang Letlole la Tshupo gore a se swe.


Moengele a mo araba a re: “Ke nna Gaberiele yo ke emeng fa pele ga Modimo; mme ke romilwe go bua nao le go go bolelela mafoko ao a boitumelo.


Ya re moengele a tsena kwa go ene, a mo raya a re: “Dumela, yo o tlhogonolofaditsweng, Morena o na nao; o tshegofaditswe mo basading.”


Moengele a ba raya a re: “Se boifeng; gonne bonang, ke lo tsiseditse mafoko a a molemo a boitumelo jo bogolo jo e tla nnang jwa batho botlhe;


Mme moengele wa Morena a ema fa go bone, le kgalalelo ya Morena ya bonega dintlheng tsotlhe tsa bone; mme ba boifa ka poifo e kgolo.


Mme moengele wa Morena a bula mejako ya ntlo ya kgolegelo bosigo, a ba ntshetsa kwa ntle a re:


Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e romelwang tirelong ka ntlha ya ba ba tla ruang pholoso boswa?


Jaanong ga letsa moengele wa borataro; mme ka utlwa lentswe le tswa mo dinakeng tse nne tsa aletare ya gouta e e fa pele ga Modimo,


Mme moengele wa Morena a iponatsa mo mosading yoo, a mo raya a re: “Bona, o moopa, ga o belege bana. Mme o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane.


Modimo wa utlwa lentswe la ga Manoa. Moengele wa Modimo a tla gape kwa mosading a ntse fa fatshe kwa tshimong, mme Manoa, monna wa gagwe, a se na nae.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan