Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 1:1 - Setswana 1970

1 Batho ba le bantsi ba setse ba dirile letsapa la go kwala ka thulaganyo polelo ya tse di dirafetseng mo go rona, tse di tlhomameng,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1-2 Go tsala e e ratang Modimo. Dipolelo tse dintsi kaga Keresete di setse di kwadilwe di dirisiwa ka maitshegeletso a tsone jaaka dipolelo mo go rona go tswa mo barutweng ba pele le ba bangwe ba ba di boneng ka matlho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 EREKA mororo bontsi bole yoa itsela go kuala ka thulaganyo, pulelo ea lilo tse ri nañ le tlomamo rure mo go rona,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Go Motlotlegi Theofila: E re ka batho ba le bantsi ba ineetse go kwala ka thulaganyo polelo ya dilo tse di nang le tlhomamo ruri mo go rona,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 1:1
13 Iomraidhean Croise  

Mme bone ba tswa, ba rera mo dintlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa Lefoko ka ditshupo tse di le latelang.


Mme tse, di kwadilwe gore lo dumele, fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo, mme ka go dumela lo bone bophelo ka leina la gagwe.


Yo mongwe o kaya gore letsatsi lengwe le feta le lengwe; mme yo mongwe ene o kaya gore malatsi a a tshwana. A mongwe le mongwe a tlhomame mo boitlhomong jwa gagwe.


a dumela ka botlalo gore se Modimo o se solofeditseng, o bile o nonofile go se dira.


gore dipelo tsa bone di gomotsege ka go kopanngwa mo loratong, ba hume tlhaloganyo e e tletseng, ba tle ba tlhaloganye bosaitsiweng jwa Modimo, e bong jwa ga Keresete


Epafera o a lo dumedisa, yo e leng wa ga lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, yo o ntseng a lo tlhabanela ka gale ka merapelo ya gore lo eme mo thatong yotlhe ya Modimo ka botlalo le ka tlhomamo;


gonne Efangele ya rona ga e a ka ya tla koo go lona ka mafoko fela, mme e tsile le ka thata le ka Mowa o o Boitshepo le ka tlhomamo e kgolo, jaaka lo itse ka fa re neng re le mo go lona ka teng ka ntlha ya lona.


Mme ga go na pelaelo, bosaitsiweng jwa poifo-Modimo bo bogolo jwa go re: Jesu o bonaditswe mo nameng, a supelwa tshiamo ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo baheitaneng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholediwa ka kgalalelo.


Mme Morena ene o ne a ema le nna, a nthatafatsa gore ke tle ke rere Efangele go ya bokhutlong, mme baheitane botlhe ba utlwe; ka ba ka gololwa mo leganong la tau.


A re atameleng he ka dipelo tsa boammaaruri, re na le tumelo e e tletseng, re kgatshitswe dipelo, go tlositswe matswalo, re bile re tlhapisitswe mebele ka metsi a a phepa.


Mme re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a supe tlhoafalo e e ntseng jalo gore a bone tsholofelo e e tletseng go ya bokhutlong,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan