Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 99:4 - Setswana 1970

4 A ba bake le thata ya kgosi e e ratang tshiamo. Ke wena yo o tlhomamisitseng tse di tshwanetseng; tshiamo le molao o di dirisitse mo Jakobe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Le thata ea khosi, e rata tsiamisho; u tlomamisa tekano; u rihile tsekisho le tsiamo go Yakoba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Nonofo ya kgosi le yone e rata katlholo; o tle o tlhomamise tekatekanyo, o dirafatse katlholo le tshiamo mo go Jakobe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 99:4
17 Iomraidhean Croise  

Mong-wa-thata-yotlhe ga re mmone; o mogolo ka thata, o humile tshiamo; ga a ka ke a sokamisa tshiamo.


Gonne Morena o siame, o rata ditiro tse di siameng. Ba nnete ba tla bona sefatlhego sa gagwe.


fa pele ga Morena. Gonne o e tla go atlhola lefatshe. O tla atlhola lefatshe ka tshiamo, le batho ka tshwanelo.


Ga a nke a koafala le e seng go lapa go tsamaya a tlhome tshiamo mo lefatsheng le go tsamaya ditlhakatlhake di lebelele thuto ya gagwe.”


Gonne lefatshe le godisa tse di melang mo go lone, tshimo e tlhogisa tse di jwetsweng mo go yona: Morena Modimo o tla tlhogisa tshiamo le tumiso jalo fa pele ga ditšhaba tsotlhe.


gore a godise puso, mme kagiso e se ka ya fela mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita le mo bogosing jwa gagwe, gore a bo tlhomamise le go bo tshegetsa ka tshiamo le ka tshiamiso go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya Morena wa masomosomo e tla dirafatsa jalo.


“Bonang, malatsi a e tla,” go bua Morena, “a ke tla tsosetsang Dafita letlhogela le le siameng ka ona. E tla nna kgosi e e busang ka botlhale, e e dirafatsang tshiamo le molao mo lefatsheng.


Ke ona o o direlang lesiela le motlholagadi tshiamo, o o ratang moeng, o mo naya dijo le diaparo.


go tla go sekisa botlhe le go betsa baikepi botlhe ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa boikepo jwa bone, tse ba di dirileng ka go ikepa, le ka ntlha ya mafoko otlhe a bodipa a baleofi bao ba ba ikepileng ba a buileng ka ga gagwe.”


Jaanong ka bona legodimo le butswe, ka ba ka bona pitse e tshweu, mme yo o e palameng a bidiwa Boikanyo le Boammaaruri, e le yo o atlholang ka tshiamo, e bile a tlhabana ka yona.


A na le leina le le kwadilweng mo seaparong sa gagwe fa seropeng le re: KGOSI YA DIKGOSI LE MORENA WA BARENA.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan