Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 99:1 - Setswana 1970

1 Morena ke kgosi! A merafe e rorome. O ntse godimo ga boKerubime, a lefatshe le tshikinyege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 YEHOVA oa busa; a bathu ba tlakasele; o rutse mo likerubeñ; a lehatsi le tsikinyege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Jehofa o a busa; a ditšhaba di rorome; o ntse mo ditšherubeng; a lefatshe le tshikinyege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 99:1
30 Iomraidhean Croise  

Jaanong Dafita a nanoga, a ya kwa Baale wa Juta mmogo le batho botlhe ba ba nang nae go tsaya Letlole la Modimo teng le le bidiwang ka leina la Morena wa masomosomo yo o ntseng fa godimo ga boKerubime.


Tlakaselang fa pele ga gagwe, lona ba lefatshe lotlhe; kana lefatshe le tlhomame, ga le reketle.


Wa sekamisa legodimo, wa fologa; lefifi la nna fa tlase ga dinao tsa ona.


“Mme nna, kana ke tlhomile kgosi ya me mo Sione, mo thabeng ya me e e boitshepo!”


Pesalome ya tshupo ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”.


Wena, Modisa wa Iseraele, a o ko o utlwe; wena yo o gogang Josefa jaaka letsomane, wena yo o ntseng godimo ga boKerubime, iponatse ka phatsimo.


Medimo eo ga e na temogo, ga e na tlhaloganyo; e kgarakgatshega mo lefifing; metheo yotlhe ya lefatshe e a tshikinyega.


Morena ke kgosi, o apere borena. Morena o apere, o itlamile ka bonatla. Lefatshe le lone o le thaile gore le se ka la tshikinyega.


Buang mo merafeng lo re: “Morena ke kgosi; o thaile lefatshe gore le se tshikinyege; o tla atlhola batho ka tshiamo.”


Obamelang Morena ka mokgabo o o boitshepo; roromang fa pele ga sefatlhego sa gagwe, lona mafatshe aotlhe!


Morena ke kgosi; a lefatshe le duduetse; a ditlhakatlhake tse dintsi di itumele.


Dikgadima tsa gagwe di bonesa lefatshe; lefatshe le a di bona, e bile le a roroma.


Ke tla kopana nao gona foo, ke bua nao ke le mo godimo ga sekhurumelo sa thuanyo, fa gare ga boKerubime ba babedi ba ba mo godimo ga Letlole la Tshupo, ke go bolelela tsotlhe tse ke tla di go laelang gore o di begele Baiseraele.


Morena o tshetse mowa wa tlhokamo mo go bone gore Baegepeto ba timediwe mo ditirong tsotlhe tsa bone, jaaka yo o tagilweng a thekesela mo matlhatseng a gagwe.


Ka leba dithaba, ka fitlhela di roroma; le dithabana tsotlhe di tshikinyega.


Modumo wa go wa ga bone o roromisa lefatshe; dikodu tsa go goa ga bone di utlwala kwa Lewatleng la Motlhaka.


A ga lo a tshwanela go mpoifa?” go botsa Morena. “A ga lo a tshwanela go tetesela fa pele ga sefatlhego sa me? Kana ke dirile motlhaba molelwane wa lewatle, e le logora lo lo sa khutleng, lo le sa lo tloleng; le fa le huduega, ga le kgone sepe; le fa dintelo tsa lone di suma, ga di lo tlole.


Lefatshe le tla roroma ka mokgosi o o reng: ‘Babele o thopilwe!’ Go goa ga teng go tla utlwala mo ditšhabeng.”


a nthaya a re: “Morwa-motho, fano ke felo ga sedulo sa bogosi sa me, ke felo ga pato ya dinao tsa me, fa ke tla nnang teng mo gare ga Baiseraele ka bosakhutleng. Baiseraele ga ba kitla ba tlhola ba itshekolola leina le le boitshepo la me, le e seng dikgosi tsa bone, ka boaka jwa bone le ka ditoto tsa dikgosi tsa bone le ka dithota tsa tlhabelo tsa bone.


Jaanong a re: “Motho mongwe yo o tlotlegang o kile a etela kwa lefatsheng le le kgakala, a ya go ikamogelela bogosi, a itse go boa.


Mme ba motse wa ga gabo ba bo ba mo tlhoile, ba roma barongwa go mo latela ba re: ‘Ga re rate gore yo a re buse.’


Fa e le baba bao ba me ba ba ganneng ke ba busa, ba tsiseng kwano, lo ba bolaele fa pele ga me.’ ”


Jaanong, baratwi ba ka, ba lo ntseng lo utlwa ka metlha, e seng fela fa ke le teng, mme bogolo bogolo jaanong ke se yo, ipatleleng phologo ya lona ka poifo le thoromo;


ba re: “Re a go leboga, Morena, Modimo wa thata yotlhe, yo o leng teng, yo neng o le teng, yo o tla tlang, ka o itseetse thata e kgolo ya gago, o busa;


Jaanong ka bona sedulo sa bogosi se segolo se sesweu le yo o ntseng mo go sona, yo legodimo le lefatshe di tshabileng sefatlhego sa gagwe, mme tsa se ka tsa bonelwa bonno.


Legodimo lone la katoga jaaka lokwalo, fa lo phuthwa, dithaba tsotlhe le ditlhakatlhake tsa katosiwa mo mannong a tsona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan