Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 9:5 - Setswana 1970

5 Gonne o emetse tshiamo ya me le tsheko ya me, wa ipaya mo sedulong sa bogosi, o le moatlhodi yo o siameng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 U omantse Baeteni, u sentse baikepi, u khumotse leina ya bona ka bosina bokhutlo yotle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 O kgalemetse merafe, o sentse baikepi, o timeditse leina la bone ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 9:5
24 Iomraidhean Croise  

Go gakologelwa mosiami go tshegofatsa matlho, mme leina la baikepi le a nyelela.


Go tswa tšhaka e e bogale mo molomong wa gagwe gore a reme merafe ka yona; mme o tla e fudisa ka lore lwa tshipi; a gata segatelo sa weine ya bogale jo bo gaketseng jwa Modimo wa thata yotlhe.


Lo tla gataka baikepi, gonne ba tla nna molora ka fa tlase ga dipato tsa dinao tsa lona ka letsatsi le ke le etleetsang,” go bua Morena wa masomosomo.


Nte he, ke ba nyeletse, ke phimole leina la bone fa tlase ga legodimo, ke go dire setšhaba se se thata, se segolo go ba feta.’


Lesedi la mosiami le tuka sentle, mme dipone tsa baikepi di tla tima.


go dirafatsa pusoloso mo ditšhabeng le dipetso mo merafeng


Kana baheitane ba tla buelang ba re: “Modimo wa bona o kae?” A pusolosetso ya madi a a tsholotsweng a batlhanka ba gago e itsege mo baheitaneng fa pele ga matlho a rona.


Mme wa leleka merafe fa pele ga bona, wa ba ruisa lefatshe la yona jaaka boswa jo ba bo lekanyeditsweng, wa agisa ditso tsa Iseraele mo matlong a bona.


Mme ya re Ahithofele a bona kgakololo ya gagwe e sa dirafadiwe, a belesa esele ya gagwe, a nanoga a ya kwa gae kwa motseng wa ga gabo, a feta a laelana le ba lapa la gagwe, a ya a ikaletsa, a swa, a fitlhwa mo lebitleng la ga rraagwe.


Baikgantshi ga ba kitla ba ema fa pele ga matlho a gago; o tlhoile botlhe ba ba dirang tshiamololo.


Kana merafe e huduelang, ditšhaba di akanyetsang dilo tsa boithamako?


Ke fa Saule a raya motshola-dibolai wa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago, o mphololetse ka yona, e se re gongwe ga tla ba ba sa rupang bale ba mphololetsa, ba ntshotla.” Mme motshola-dibolai wa gagwe a gana, ka a boifa thata. Foo Saule a tsaya tšhaka, a itigela mo go yona.


Ke fa Dafita a raya Abikaile a re: “A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele, yo o go romileng kajeno go nkgatlhantsha.


Ya re Dafita a utlwa gore Nabale o sule, a re: “A go bakwe Morena yo o sekileng kgang ya kgobo e Nabale a e nkgobileng, a thibela motlhanka wa gagwe gore a se dire bosula, mme Morena a busetsa bosula jwa ga Nabale mo tlhogong ya gagwe.” Dafita a ba a roma, a bua le Abikaile gore a mo tsee go nna mosadi wa gagwe.


Modimo ke moatlhodi yo o siameng, e bile ke Modimo o o galefang ka letsatsi le letsatsi.


Ke tla baya sedulo sa me sa bogosi kwa Elame, ke nyeletsa kgosi le dikgosana tsa teng.” Morena o buile jalo.


“O nkemetse, Morena, mo tshekong, wa golola bophelo jwa me.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan