Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 9:2 - Setswana 1970

2 Ke tla go leboga, Morena, ka pelo yotlhe, ke tla bolela dikgakgamatso tsotlhe tsa gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ki tla itumela, mi ki tla itumela segolu mo go uena; mi ki tla opelela leina ya gago pako, Mogorimo oa bogorimo bogolu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ke tlaa ipela ke kgana ka boitumelo mo go wena; ke tlaa opelela leina la gago pako, wena Mogodimodimo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 9:2
18 Iomraidhean Croise  

Pesalome ya ga Dafita. Ke tla go galaletsa ka pelo yotlhe, ke go opelela pako fa pele ga medimo.


gore ke utlwatse lentswe la pako le go bolela dikgakgamatso tsotlhe tsa gago.


Mme jaanong tlhogo ya me e tla bo e tsholetsegile godimo ga baba ba me ba ba mo tikologong ya me, mme ke rata go tlhaba ditlhabelo tsa meduduetso mo Tenteng ya gagwe. Ke rata go opela, go opelela Morena dipako.


Morena ke thata ya me le thebe ya me; pelo ya me e ne e mo ikanya, mme ka thusega; ka moo pelo ya me e a duduetsa, mme ke mo leboga ka sefela sa me.


gore ke fitlhe kwa aletareng ya Modimo, kwa Modimong wa boitumelo jwa me jo bo ntuduedisang, le go go baka ka harepa, Modimo, Modimo wa me.


Ba bee molato, Modimo; a ba we ka ntlha ya maano a bona; ba leleke ka ntlha ya bontsi jwa ditlolo tsa bona; gonne ba a go rukhutlhegela.


Tshenyo ya gagwe e boela tlhogong ya gagwe, le go thubaka ga gagwe go wela mo phogong ya gagwe.


A ba tlhajwe ke ditlhong, ba boife ka go sa feleng. A ba setlhafale ka ditlhong, ba latlhege


Morena, Modimo wa me, ke rata go go baka ka pelo yotlhe le go tlotla leina la gago ka bosenabokhutlo.


Pesalome. Sefela sa letsatsi la Sabata.


ka kwadi ya dithapo di le some le ka harepa le ka melodi ya segwana.


Bolelang kgalalelo ya gagwe mo merafeng le dikgakgamatso tsa gagwe mo bathong botlhe!


Lona basiami, itumeleleng Morena, lo bake leina la gagwe le le boitshepo.


Gonne wena Morena o Mogodimodimo yo o okameng lefatshe lotlhe; o mogolo bogolo go medimo yotlhe.


“Wena kgosi, Modimo o o godimodimo o ne o neetse rraago Nebukatenesare bogosi le bogolo le kgalalelo le borena.


Itumeleng mo Moreneng ka gale, ke a boela ka re, itumeleng!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan