Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 81:3 - Setswana 1970

3 Tlhabang sefela, lo letse moropa le katara e e itumedisang le harepa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Rumisañ terompeta mo khueriñ e e rogiloeñ; mo motleñ o o laocoeñ, mo tsatsiñ ya moriho oa rona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 A go lediweng lonaka mo thogong ya kgwedi, fa kgwedi e le tshweu, mo letsatsing la modiro wa rona o o masisi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 81:3
23 Iomraidhean Croise  

Mme monna a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o ya kwa go ene kajeno, e se ka ngwedi o o rogilweng le e seng ka Sabata?” Mosadi a re: “Sala sentle!”


Dafita a ba a laela ba bagolo ba Balefi gore ba emise ba ga bone ba e leng baopedi ba tshotse diletso, e bong diharepa le dikwadi le matlhao-a-mabogo gore ba utlwatse ditumo tsa boitumelo ka go tlhatlosa mantswe.


Baopedi Hemane le Asafe le Ethane ba ne ba tshotse matlhao a kgotlho a mabogo, ba a letsa.


Mme baperesiti Sebanya le Josafate le Nethanele le Amasai le Sagaria le Benaya le Eliesere ba letsa diphala fa pele ga Letlole la Modimo. Le Obete-Etomo le Jehia e ne e le badisa ba mojako fa Letloleng.


Mme Hemane le Jeduthune ba ne ba na le diphala le matlhao-a-mabogo le diletso tsa difela tsa Modimo, e le tsa ba ba di letsang. Mme bomorwa Jeduthune bone ba disa kgoro.


Mme baperesiti Benaya le Jahasiele ba nna ba letsa diphala ka metlha fa pele ga Letlole la Kgolagano ya Modimo.


Dafita le balaodi ba mephato ba ne ba tlhaolela bomorwa Asafe le ba ga Hemane le ba ga Jeduthune tirelo-Modimo, e le ba ba rutang tsa Modimo ka go letsa dikwadi le diharepa le matlhao-a-mabogo; palo ya bone ya banna ba tirelo ya bone e leng tiro eo e ne e le e:


Bonang, Modimo o na le rona e le moeteledipele, le baperesiti ba na le dinaka tsa mokgosi wa ntwa tsa go lo tsosetsa tlhabano. Lona Baiseraele, se tlhabaneng le Morena, Modimo wa borraeno. Gonne ga lo ka ke lwa kgona sepe.”


Jaanong ya re Bajuta ba gadima, ba fitlhela tlhabano e ba lebile kwa pele le kwa morago. Ke fa ba goela Moreneng, mme baperesiti ba letsa dinaka,


Itse gore ke batla go agela leina la Morena, Modimo wa me, Ntlo le go e mo itshepisetsa go tshuba maswalo fa pele ga gagwe, e bong maswalo a makga a a monate le go baya teng dinkgwe tsa tshupo ka gale le go dira ditlhabelo tsa phiso mo mosong le maitsiboa ka boSabata le ka ngwedi o o rogilweng le ka meletlo ya Morena, Modimo wa rona. Go dira jalo ke tshwanelo e e se neng e khutla ya Baiseraele.


Gape baopedi ba Balefi botlhe Asafe le Hemane le Jeduthune le bomorwaa-bone le ba ga bone ba ne ba eme ntlheng ya botlhabatsatsi ya aletare, ba apere masela a masweu, ba na le matlhao-a-mabogo le diharepa le dikwadi, mme baperesiti ba le 120 ba na nabo ba letsa diphala.


go ne go dirwa ditlhabelo tsa letsatsi lengwe le lengwe ka fa taelong ya ga Moše ka boSabata le ka dingwedi tse di rogilweng le ka malatsi a meletlo, gararo ka ngwaga, ka Moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang le ka Moletlo wa Dibeke le ka Moletlo wa Metlaagana.


A ba bake leina la gagwe ka dipina, ba mo leletse moropa le harepa.


Bakang Morena ka kitara, lo mo opelele ka harepa e e dithapo di le some.


Duduetsang ka diphala le tumo ya dinaka fa pele ga Morena yo e leng kgosi.


A ithutlela moago jaaka logora lwa tshimo, a itshenyetsa felo ga meletlo; malatsi a meletlo le Sabata, Morena a a lebatsa mo Sione; kgosi le moperesiti, a ba latlha a gaketse bogaleng jwa gagwe.


Bonang maoto a yo o bolelang tse di molemo mo dithabeng, yo o utlwatsang kagiso! Dira meletlo ya gago, Juta, dirafatsa maikano a gago; gonne mosenyi ga a kitla a tlhola a ralala naga ya gago gape; o nyeleditswe gotlhegotlhe.


mme lo rata go direla Morena tlhabelo ya molelo, le fa e le setlhabelo sa phiso gongwe setlhabelo se se jewang, le fa e le sa go dirafatsa maikano ka bolona gongwe sa bopelotshweu gongwe ka meletlo ya lona, go direla Morena monko o o nkgang monate wa dikgomo gongwe wa difutshane tsa lona:


“ ‘Ka malatsi a ntlha a dikgwedi tsa lona lo isetse Morena setlhabelo sa phiso sa dipoana di le pedi le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole


O direle Morena, Modimo wa gago, moletlo malatsi a supa kwa felong fa Morena, o tla ga tlhophang. Gonne Morena Modimo wa gago, o tla go tshegofatsa mo go tsotlhe tse o di robang le mo tirong yotlhe ya diatla tsa gago. O tshwanetse go itumela fela.


Mme jaanong a go se nne ope yo o lo sekisang ka ntlha ya dijo gongwe dino, le e seng ka ntlha ya sengwe sa moletlo gongwe sa ngwedi o o rogilweng gongwe sa boSabata,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan