Baletsi ba diphala le baopedi ba utlwala jaaka e kete ke lentswe la a le mongwe fela go baka le go leboga Morena; ya re ba tlhatlosa mantswe ka diphala le ka matlhao-a-mabogo le ka diletso tse dingwe le ka pako e e reng: Bakang Morena, gonne o molemo, mme bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng! Ntlo ya tlala leru la kgalalelo ya Morena.