Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 3:3 - Setswana 1970

3 ba bantsi ba ba buang ka ga me ba re: “Ga a na thuso epe mo Modimong.” Sela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi uena Yehova, u thebe mo eintleñ cotle tsa me; khalalelo ea me, le moculetsi oa tlogo ea me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Wena Jehofa, o thebe ka ntlha tsotlhe tsa me; o kgalalelo ya me le motsholetsa tlhogo ya me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 3:3
19 Iomraidhean Croise  

Morago ga dilo tseo Lefoko la Morena la tla kwa go Aborame ka pono la re: “Aborame, se boife! Ke nna thebe ya gago; tuelo ya gago e kgolo thata.”


E tla re malatsi a le mararo a sena go feta, Farao a tsholetse tlhogo ya gago, a go busetse mo tirong ya gago, mme senwelo sa ga Farao o se mo neele mo seatleng sa gagwe jaaka gale, fa o ne o ntse o le mothokedi wa gagwe.


Le gona a Hesekia a se ka a lo ikanyisa Morena ka go re: Ruri, Morena o tla re pholosa. Motse o ga o nke o neelwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria.’


go fitlhelela ke tle ke lo tseele kwa lefatsheng le le tshwanang le lefatshe la lona; kwa lefatsheng la mabele le matute a moweine, kwa lefatsheng la bogobe le masimo a moweine, kwa lefatsheng la lookwane lwa ditlhare tsa olefa le mafura a dinotshe. Foo lo tla phela, mme lo sa swe. Lo se ka lwa utlwa Hesekia; gonne o lo aketsa ka go re: Morena o tla re pholosa.


Jaanong e rile Joyagine kgosi ya Juta e sena go fetsa dinyaga di le 37 e ntse e le mo kgolegong ka kgwedi ya 12 e le 27, Ewile-Merotage kgosi ya Babele ya tlhomogela Joyagine kgosi ya Juta pelo, ya mo ntsha mo ntlong ya kgolegelo. E ne e le ka ngwaga wa ntlha wa puso ya gagwe.


O tla nwa mo nokaneng, a le mo tseleng, mme ka ntlha ya moo o tla tsholetsa tlhogo.


O tshireletso ya me le thebe ya me; ke lebeletse Lefoko la gago.


Mme a re: “Ke go rata ka pelo yotlhe, Morena, thata ya me.


Mme jaanong tlhogo ya me e tla bo e tsholetsegile godimo ga baba ba me ba ba mo tikologong ya me, mme ke rata go tlhaba ditlhabelo tsa meduduetso mo Tenteng ya gagwe. Ke rata go opela, go opelela Morena dipako.


Morena ke thata ya me le thebe ya me; pelo ya me e ne e mo ikanya, mme ka thusega; ka moo pelo ya me e a duduetsa, mme ke mo leboga ka sefela sa me.


Lona banna, tlotlo ya me e tla nna tshotlo goleele go le kae? Lo tla rata boithamako le go batla maaka goleele go le kae? Sela.


Kana ke ona lefika la me le thuso ya me; ke kago ya me ya phemelo, ga nkitla ke tshikinyega.


Gonne letsatsi le le lengwe fela mo malapeng a gago le gaisa malatsi a le sekete a mangwe. Ke rata go nna fa serepoding sa mojako wa Ntlo ya Modimo wa me bogolo go go aga mo matlong a boikepo.


Losika lotlhe lwa Iseraele lo tla siamisiwa mo Moreneng, lo ipoka ka ene.


“Letsatsi ga e nke e tlhola e nna lesedi la gago motshegare; phatsimo ya ngwedi ga e tlhole e go bonegela bosigo, mme Morena o tla nna lesedi le le sa khutleng la gago; Modimo wa gago o tla nna kgalalelo ya gago.


e bong lesedi le le tla senogelang baheitane le go galaletsa morafe wa gago wa Iseraele.”


Iseraele, o wa letlhogonolo! Ke mang yo o tshwanang nao? O morafe o o pholosiwang ke Morena. Ke ene thebe e e go thusang le tšhaka e e go godisang. Baba ba gago ba tla go tlakisa, mme wena o tla gata dithota tsa bone.


o na le kgalalelo ya Modimo. Phatsimo ya ona e tshwana le ya lentswe le le tlhokegang thata thata, jaaka letlapa la jasepise le le lesweu jaaka legakwa.


Ga go batlege gore letsatsi le ngwedi di phatsimele motse; ka gonne o bonesiwa ke kgalalelo ya Modimo; Kwana ke lobone lwa ona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan