Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 26:8 - Setswana 1970

8 Morena, ke rata boago jwa Ntlo ya gago, e bong felo fa kgalalelo ya gago e agileng teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Yehova, ki rata boago yoa eintlu ea gago, le helo ga taberenakela ea tlotlo ea gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Jehofa, ke rata boago jwa ntlo ya gago le felo fa kgalalelo ya gago, e agileng gone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 26:8
22 Iomraidhean Croise  

Mme kgosi ya raya Satoke ya re: “Busetsa Letlole la Modimo kwa motseng. Fa ke bona bopelotlhomogi mo matlhong a Morena, o tla mpusa, a le mponisa gape le moago wa gagwe.


Mme e re ka ke itumelela Ntlo ya Modimo wa me, ke bile ke ntshetsa Ntlo ya Modimo wa me gouta le selefera tse dingwe tse e leng tsa me kwa ntle ga tsotlhe tse ke setseng ke di kgobokanyeditse Ntlo e e Boitshepo:


Mme baperesiti ba palelwa ke go ema le go dira tsa tirelo-Modimo ka ntlha ya leru; gonne kgalalelo ya Morena e ne e tletse mo Ntlong ya Modimo.


E rile Salomo a sena go rapela, molelo wa fologa kwa legodimong, wa ja ditlhabelo tsa phiso le ditlhabelo tse di jewang, mme kgalalelo ya Morena ya tlala ka Ntlo ya Modimo


mo baperesiti ba bileng ba palelwa ke go tsena mo Ntlong ya Morena, ka kgalalelo ya Morena e ne e tletse mo Ntlong ya Morena.


Ke tla go batlela se se molemo ka ntlha ya Ntlo ya Morena, Modimo wa rona.


Dikeledi tsa me ke dijo tsa me bosigo le motshegare, ka ba tlhola ba nthaya ba re: “Modimo wa gago o kae?”


Modimo, thebe ya rona, leba o bone sefatlhego sa motlodiwa wa gago.


Morena ke yo o nthusang; ke ka moo re tla letsang diletso ka malatsi otlhe a bophelo jwa rona mo Ntlong ya Morena.”


Hesekia o ne a boditse a re: “Ke eng se se ntshupetsang, fa ke tla ya gape kwa Ntlong ya Morena?”


Ke fa Mowa o ntsholetsa, ke utlwa lentswe la loratla lo logolo fa morago ga me le re: “A go bakwe kgalalelo ya Morena e e tlogang mo felong ga yona.”


Ya re malatsi a le mararo a sena go feta, ba mo fitlhela mo Tempeleng, a ntse mo gare ga baruti, a ba reeditse, a bile a ba botsolotsa.


A ba raya a re: “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse go nna mo go tse e leng tsa ga Rre?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan