Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 139:2 - Setswana 1970

2 O itse go nna ga me le go nanoga ga me; o tlhaloganya maikaelelo a me o le kgakala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ua itse go lula ga me, le go ema ga me; u tlaloganyetsa megopolo ea me khakala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 O itse go dula ga me la go nanoga ga me, o tlhaloganyetsa mogopolo wa me kwa kgakala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 139:2
17 Iomraidhean Croise  

Ke fa Hagare a bitsa leina la Morena yo o buileng nae a re: “Ò Modimo o o mponang.” Gonne a re: “A le gona ke mo setse morago ka matlho fano yo o mponang?”


“ ‘Ke itse go nna ga gago le go tswa ga gago le go tsena ga gago le ka fa o ntsogelang ka loratla ka teng.


Mme mongwe wa batlhanka ba yona a re: “Nnyaya, kgosi, mong wa me! Ke Elisa moporofeti wa kwa Iseraele yo o itsiseng kgosi ya Iseraele mafoko a ò a buang mo ntlwaneng ya gago ya borobalo.”


a Modimo o ka bo o sa go tlhotlhomisa, ka e le ona o o itseng se se fitlhegileng mo pelong?


A ba ka falola e le baikepi? Modimo, diga merafe ka bogale.


Morena o itse megopolo ya batho, fa e le ya lefela.


Matlho a Morena a mo mafelong aotlhe, a tlhola ba ba bosula le ba ba molemo.


“ ‘Ke itse go nna ga gago le go tswa ga gago le go tsena ga gago le ka fa o ntsogelang ka loratla ka teng.


Ke fa Mowa wa Morena o wela mo go nna, o nthaya o re: “E re: Morena o bua jaana a re: ‘Lona Baiseraele lo buile jalo. Megopolo ya dipelo tsa lona ke a e itse.


Morena Modimo o bua jaana o a re: A ga ke re, ke wena yo ke buileng ka ga gago mo metlheng ya bogologolo ka batlhanka ba me, baporofeti ba Iseraele, ba ba neng ba bolelela pele ka dingwagangwaga tsele ba re: ‘Ke tla go ba bololetsa’?


Gonne ke mang yo o ka nyatsang letsatsi la dilo tse dipotlana, etswe matlho a supa ale a Morena a a ralalang lefatshe lotlhe a itumela, fa a bona serophiso se le mo seatleng sa ga Serubabele?”


Ya re Jesu a lemoga megopolo ya bone, a ba raya a re: “Lo gopolelang tse di bosula mo dipelong tsa lona?


Ya re Jesu a lemoga kakanyo ya dipelo tsa bone, a tsaya ngwana, a mo emisa fa go ene,


Ka moo he, lo se ka lwa atlhola sepe, e ise e nne nako, go ya Morena a tle yo o tla ntshetsang leseding tse di fitlhilweng tsa lefifi, a senola maikaelelo a dipelo; foo mongwe le mongwe o tla bona poko mo Modimong.


Mme fa masula a mantsi le ditlalelo di ba dirafalela, sefela se se tla supa fa pele ga bone e le mosupi; gonne ga se kitla se lebalwa, se tloga mo melomong ya bana ba bone. Se tla supa gore ke ntse ke itse kakanyo ya bone e ba e akanyang kajeno, ke ise ke ba gorose kwa lefatsheng le ke le ikanetseng borraabo.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan