Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 13:3 - Setswana 1970

3 Ke tla akanya goleele go le kae mo moweng wa me, ke tlhola ke tletse bohutsana mo pelong? Mmaba wa me o tla inkgodisetsa sebaka se se kana kang?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Yehova, Morimo oa me, ’nteba, mi u ’nkarabe; bonesa maitlo a me, gore ki si robale thobalo ea loshu;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 O tle o akanye, o bo o mphetole Jehofa, Modimo wa me; bonesa matlho a me, nka tla ka robala boroko ja loso;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 13:3
15 Iomraidhean Croise  

Ka nnete, ka sebakanyana seno re bonye boutlwelo-botlhoko mo Moreneng, Modimo wa rona, a re sadisetsa masalela a a phologileng, a re neela botshabelo mo Felong-fa-go-Boitshepo ga gagwe gore Modimo wa rona o sedifatse matlho a rona le go re naya tapolosonyana mo botlhankeng jwa rona.


Leba tlhorisego ya me, o nthuse; gonne ga ke lebale molao wa gago.


Gonne batho ba ba bogisiwang o ba direla kgololo; mme matlho a a mabela o a a kokobetsa.


Leba baba ba me, gonne ba bantsi; ba ntlhoile ka letlhoo le le bolayang.


O ila ba ba direlang medimo ya boithamako, mme nna ke ikanya Morena.


Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi; e opedisiwe ka ditlhaka.


Gonne ena yo o busolosang madi o ba gopotse, ga a lebale selelo sa batlalelwi.


Mme e tla re ba gotetse ka keletso, ke ba baakanyetse moletlo, ke ba tagise gore ba tlhapelwe, ba robale thobalo e e sa khutleng, mme ba se ka ba thanya gape.” Morena o buile jalo.


Ke tla tagisa dikgosana tsa gagwe le matlhale a gagwe le balaodi ba gagwe le babusi ba gagwe le bagale ba gagwe gore ba robale thobalo e e sa khutleng, mme ba se ka ba thanya gape.” Go buile jalo yona kgosi e leina la yona e leng Morena wa masomosomo.


Gakologelwa, Morena, tse di re tletseng! Leba ò bone kgobego ya rona!


e bong lesedi le le tla senogelang baheitane le go galaletsa morafe wa gago wa Iseraele.”


Ke ka moo go tweng: “Thanya, wena yo o robetseng, o tsoge mo baswing, mme Keresete o tla go sedifatsa.”


Ga go batlege gore letsatsi le ngwedi di phatsimele motse; ka gonne o bonesiwa ke kgalalelo ya Modimo; Kwana ke lobone lwa ona.


Mme Jonathane o ne a sa utlwa fa rraagwe a ikanisa banna; a ntsha ntlha ya molamu o a o tshotseng, a kgotla mo lemepeng, a isa kwa molomong, a mona; ke fa matlho a gagwe a apoga.


Jonathane a re: “Rre o isitse lefatshe le mo tatlhegong. A ko lo bone jaaka matlho a me a apogile fa ke sena go ja bobotlana jwa mafura a dinotshe a.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan