Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 127:2 - Setswana 1970

2 Ke lefela, fa lo tsoga phakela, lo itima boikhutso, lo ja dijo tsa matsapa; gonne Morena o tla naya baratwi ba gagwe ba ntse ba robetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ki lehela go lona, go coga go sa le gale, go lula bosigo bo tsenye, go ya señkhue sa mahutsana; rure, o tla nela baratoi ba gague thobalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ke lefela fela mo go lona fa lo tsoga ka maphakela, lo ba lo ya go robala go le bosigo thata, lo ba lo ja dijo tsa letsapa; gonne o naya baratwana ba gagwe boroko jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 127:2
17 Iomraidhean Croise  

O tla gomotsega, gonne o na le tse o di solofelang; le fa o ka gadima, gongwe wa okomela, o tla robala o le mo tshireletsong.


Ke tlhaeleleditse thata go Morena, mme a nkutlwa, a le mo thabeng ya gagwe e e boitshepo. Sela.


Pelo ya me o e tladitse boitumelo jo bo fetang jwa bona, jwa letlotlo la mabele le la bojalwa.


O bontshitse batho ba gago dilo tse di thata, wa re nosa weine e e theekedisang.


Tshegofatso ya Morena ke yona e e humisang; matsapa a motho ga a e okeletse sepe.


Ka bona ditiro tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga letsatsi; ka fitlhela tsotlhe e le tsa boithamako le go tshwara lephoro fela.


Go na le mongwe a le esi a se na yo mongwe; le gona ga a na morwawe le fa e le morwa-rraagwe. Mme matsapa otlhe a gagwe ga a fele; matlho a gagwe ga a kgore khumo. Ga a akanye gore, ke itapisetsa mang, fa ke itima tse di monate? Le selo se ke boithamako fela le tshwenyego e e botlhoko.


Boroko jwa modiri bo monate, le fa a ja tse dipotlana gongwe tse dintsi, mme letlotlo la mohumi le a mo tlhobaetsa.


Motho o itapisetsa molomo wa gagwe ka matsapa otlhe; le fa go ntse jalo, keletso ga e fele.


Ke fa ke thanya, ke lebaleba; mme boroko jwa me bo ne bo beile monate mo go nna.


Ke tla dira kgolagano ya kagiso nabo; ke fedisa dibata tse di bosula mo lefatsheng. Ba tla nna mo nageng le go robala mo dikgweng ba iketlile.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan