Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 127:1 - Setswana 1970

1 Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Salomo. Fa Morena a sa age ntlo, baagi ba yona ba tla bo ba itapisetsa lefela; fa Morena a sa dise motse, modisa o tla bo a itlhobaeletsa lefela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 HA Yehova a sa age eintlu, baagi ba eona ba rihela lehela; ha Yehova a sa buluke motse, barisi ba risetsa lehela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Fa Jehofa a sa age ntlo, ba ba e agang ba direla lefela; fa Jehofa a sa dise motse, molebedi o tsogela lefela fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 127:1
35 Iomraidhean Croise  

Morena a naya Salomo botlhale jaaka a mo solofeditse. Go ne go le kagiso gare ga Hirame le Salomo; bona ba babedi ba dira kgolagano.


Lemoga he fa Morena a go tlhaotse gore o age Ntlo ya Tempele e e Boitshepo. Tia o dire jalo.”


Dafita a ba a raya Salomo a re: “Tia o nametsege o fetse tiro; se boife, se tshoge; gonne Morena, Modimo, Modimo wa me, o na nao; ga o ne o go hularela le e seng go go tlogela go ya go fitlhelela o fetsa tiro yotlhe ya kago le ya dilo tsa tirelo ya Ntlo ya Morena.


O be o nee Salomo morwaake pelo ya nnete gore a tshegetse ditaelo tsa gago le ditshupo tsa gago le melao ya gago, a dirafatse tsotlhe, a age ntlo ya borena ya gago e ke e etleeleditseng.”


Thapelo ya go batla go femelwa mo basotling. Sefela sa go ya Tempeleng. Ke goetse Moreneng, ke le mo pitlaganong, mme a nkutlwa.


Sefela sa go ya Tempeleng. Ke tsholeletsa matlho a me kwa dithabeng; thuso ya me e tla tswa kae?


Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita. E rile ba nthaya ba re: “A re yeng kwa Ntlong ya Morena!” ka itumela.


Sefela sa go ya Tempeleng. Ke tsholeletsa matlho a me koo go wena, yo o dutseng kwa legodimong.


Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita. Fa e ka bo e ne e se Morena yo o neng a re emela – a Iseraele a re jalo –


Sefela sa go ya Tempeleng. Ba ba ikanyang Morena, ba tshwana le thaba ya Sione e e sa reketleng, e e tlhomameng ka bosakhutleng.


Sefela sa go ya Tempeleng. E rile Morena a fetola tatlhego ya Sione, ra tshwana le ba ba lorang.


Pesalome ya ga Salomo. Modimo, naya kgosi melao ya gago; morwa kgosi o mo nee tshiamo ya gago


A aga Felo-ga-Boitshepo ga gagwe jaaka bogodimo jwa legodimo, jaaka lefatshe le o le thaetseng bosakhutleng.


Pelo ya motho e akanya tsela ya gagwe, mme Morena ke ene a tsamaisang dikgato tsa gagwe.


Ka boa ka bona fa tlase ga letsatsi gore yo o siang ga se yo o lobelo; phenyo ga se ya mogale; le gona dijo ga se tsa batlhalefi; e bile khumo ga se ya ba ba nang le tlhaloganyo; le gona ga go ratwe ba ba nang le kitso. Gonne sebaka le tse di ba tlelang di ba dirafalela botlhe.


Ka bonwa ke badisa ba motse ba ba tsamayang mo motseng. Ka re: “A lo mmonye yo pelo ya me e mo ratang?”


Ka bonwa ke badisa ba ba tsamayang mo motseng; ba ntitaya, ba nntsha dintho; badisa ba dipota ba nkamoga kobo ya me.


Nna Morena ke a e disa, ke e nosetsa ka nako le nako; ke e disa bosigo le motshegare gore e se ka ya senngwa ke sepe.


Batlhodi botlhe ba bone ke difofu fela; ga ba itse sepe. Bona botlhe ke dintšwa tse e leng dimumu, tse di sa itseng go bogola. Ba a lora, ba rapame, ba rate go otsela.


Jerusalema, ke tlhomile badisa mo dipoteng tsa gago, ba ba sa didimaleng bosigo jotlhe le motshegare otlhe. Lona ba lo gopotsang Morena, lo se ka lwa ba lwa ikhutsa!


Tlhomang sefoka se se lebaganyeng le dipota tsa Babele. Tiisang balebedi. Emisang batlhodi. Laelang balaledi. “Gonne tse Morena o di ikaeletseng o bile o a di dirafatsa, e leng tse o bopetseng baagi ba Babele ka tsona.


Mosiani o tla taboga, a kgatlhantsha mosiani; morongwi a kgatlhantsha morongwi gore ba itsise kgosi ya Babele fa motse wa yona o thopilwe gotlhe;


Mme fa Keresete a sa tsoga, thero ya rona e tla bo e le lefela, le tumelo ya lona e tla bo e le lefela.


Jaanong he, yo o tlhomang ga a sepe le yo o nosang ga a sepe; mme yo o leng sengwe ke Modimo fela o o tlhogisang.


Ke a lo boifela e se re gongwe ka bo ke lo itapiseditse lefela.


Mme o gopole Morena, Modimo wa gago; gonne ke ene yo o go nayang thata go ka bona khumo gore a tlhomamise kgolagano ya gagwe e e ikanetseng borraeno jaaka go dirafetse kajeno.


Ke fa kgosi ya Jerigo e begelwa go twe: “Bona, banna ba letse ba tlile mono bosigo, ba tswa kwa Baiseraeleng go tlhola lefatshe le.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan