Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 102:3 - Setswana 1970

3 Se mphitlhele sefatlhego sa gago mo motlheng o ke leng mo pitlaganong ka ona; ntshekegele tsebe motlhang ke bitsang, o nkutlwe ka bonako.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Gone malatsi a me a nyelela yaka mosi; mi marapo a me a shele yaka leisho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Gonne malatsi a me a nyelela jaaka mosi; marapo a me le one a a ša jaaka serumola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 102:3
11 Iomraidhean Croise  

Letlalo la me le tloga mo go nna le ntshofetse; marapo a me a fisiwa ke mogote.


Gonne le fa ke ntse jaaka lekuka mo musing, ga ke a ka ka lebala melao ya gago.


Se mphitlhele sefatlhego sa gago, se kobe motlhanka wa gago ka bogale; wena yo o neng o le thuso ya me, se ntatlhe, o se ntlogele, Modimo o o mpholosang.


Nkutlwele botlhoko, Morena, gonne ke pitlagantswe; leitlho la me le mowa wa me le mmele wa me di tlhontse ka bohutsana.


Ntshekegele tsebe, o nkgolole ka bonako; o nne lefika la me la botshabelo le ntlo ya phemelo kwa thabeng ya go nthusa.


Mme baikepi ba tla latlhega; baba ba Morena ba ba ntseng jaaka bontle jwa bofulo ba nyeletse, ba fedile jaaka musi.


Gonne metsu ya gago e ntsepame, seatla sa gago se nkgateletse.


O rometse molelo a le kwa legodimong, wa ntsena marapong, a nkgona jalo. Maoto a me o a thaisitse ka letloa, a ntigela kwa morago; a ntira sekaka, a njesa bodutu malatsi aotlhe.


O otisitse nama ya me le letlalo la me, a nthoba marapo.


Lona ba lo sa itseng tsa kamoso, botshelo jwa lona ke eng? Kana lo mouwane fela o o a tleng o bonale ka sebakanyana fela, o tloge, o nyelele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan