Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 102:2 - Setswana 1970

2 Morena, utlwa thapelo ya me; a go lelela thuso ga me go fitlhe kwa go wena!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 U si ’ncubele hatlogo sa gago; sekegela tsebe ea gago go ’na mo tsatsiñ ya tlalelo ea me; ’nkarabe ka bonako mo tsatsiñ ye ki gu bitsañ ka yeona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 O se ka wa mphitlhela sefatlhogo sa gago mo letsatsing la pitlagano ya me; o ntshekegele tsebe; e re mo letsatsing le ke bitsang ka lone o nkarabe ka bonako.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 102:2
21 Iomraidhean Croise  

Jaanong fa ona o ikhutsisa batho, ke mang yo o ka o bonang molato? Fa o fitlha sefatlhego, ke mang yo o ka o bonang? Gonne o okametse setšhaba le batho botlhe


Ke ka ntlha ya eng, fa o sa itshwarele boleo jwa me, fa o sa phimole molato wa me? Gonne jaanong ke tla robala loroleng; o tla mpatla, mme ke tla bo ke se teng.”


fa o bipa sefatlhego, di a tshoga; fa o tlosa mewa ya tsona, di a swa, di boela loroleng lwa tsona;


Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.


Morena, akofa o nkutlwe, mowa wa me o a idibala; se mphitlhele sefatlhego sa gago, gore ke se ka ka nna jaaka bona ba ba fologetseng kwa moleteng.


Thapelo ya ga Dafita. Morena, utlwa go rapelela tse di siameng, o tlhokomele go kua ga me; reetsa thapelo ya me e e seng ya molomo wa tsietso.


Ba kgaogana diaparo tsa me, mme kojwana ya me ba e tlhamela tengwa.


Se mphitlhele sefatlhego sa gago, se kobe motlhanka wa gago ka bogale; wena yo o neng o le thuso ya me, se ntatlhe, o se ntlogele, Modimo o o mpholosang.


Ke ikanya wena, Morena; a ke se ka ka tlhajwa ke ditlhong ka bosakhutleng; nkgolola ka tshiamo ya gago.


Gonne masula a a se nang palo a ntsentse gare; melato ya me e ntshwere, ke tshaba go e leba; e feta dithiri tsa tlhogo ya me, pelo ya me e ntlogetse.


Nkutlwe, Morena, gonne bopelotlhomogi jwa gago bo molemo; retologela go nna ka fa bogolong jwa boutlwelo-botlhoko jwa gago.


Pesalome ya ga Dafita ya kgopotso mo tshupelong ya tebogo e e kwaletsweng moopedisi.


Mpholosa ka tshiamo ya gago, o nkgolole; ntshekegela tsebe o nthuse.


Jaanong ya re sebaka se seleele se sena go feta, kgosi ya Egepeto ya swa, mme Baiseraele ba fegelwa ka ntlha ya botlhanka, ba lelela thuso; mme selelo sa bone sa tlhatlogela kwa Modimong se tswa mo botlhankeng jwa bone.


Modimo wa utlwa diphegelo tsa bone, wa gopola kgolagano ya ona e o e dirileng le Aborahame le Isaka le Jakobe.


Fa o tshela metsi, ke na nao; le dinoka, ga di na go go tsaya. Fa o ralala molelo, ga o nke o šwa; kgabo ga e nke e go fisa.


Ke tla ba araba ba ise ba bitse; ke tla ba utlwa ba sa ntse ba bua.


Ke tla lebelela Morena yo o fitlhetseng ntlo ya ga Jakobe sefatlhego, ke solofela mo go ene.


Lona ga lo ise lo tshwarwe ke thaelo epe e e ka palelang motho. Mme Modimo o boikanyo, o o se kitlang o lo lesa lwa raelwa mo go fetang thata ya lona, mme o tla lo direla phatlha mo thaelong gore lo kgone go e itshokela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan