Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 102:1 - Setswana 1970

1 Thapelo ya motlalelwi, a itlhobogile, mme a tshololela selelo sa gagwe fa pele ga Morena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 YEHOVA utlua morapelo oa me; mi a pico ea me e hitle go uena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 A ko o utlwe morapelo wa me, Jehofa, mme a go goa ga me go ke go fitlhe koo go wena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 102:1
28 Iomraidhean Croise  

Mme baperesiti le Balefi ba nanoga ba tshegofatsa morafe. Mme mantswe a bone a utlwiwa le thapelo ya bone ya fitlha kwa boagong jo bo boitshepo jwa Modimo kwa legodimong.


bona ba ba reng: “Re thata ka diteme tsa rona, re na le melomo ya rona; mmusi yo o re laolang ke mang?”


Mowa wa me o a felelela; pelo ya me e gatsetse mo teng ga me.


Morena, akofa o nkutlwe, mowa wa me o a idibala; se mphitlhele sefatlhego sa gago, gore ke se ka ka nna jaaka bona ba ba fologetseng kwa moleteng.


O dirafatsa keletso ya bona ba ba mmoifang, o utlwa selelo sa bona, a ba thuse.


Dikgole tsa felo ga baswi di ne di ntsentse gare le dithapo tsa loso tsa nkwela.


Fa o watlhaya motho ka dipetso ka ntlha ya tshiamololo, o nyeletse bontle jwa gagwe jaaka motoutwana; ee, motho mongwe le mongwe ke pudulo fela. Sela.


Dikeledi tsa me ke dijo tsa me bosigo le motshegare, ka ba tlhola ba nthaya ba re: “Modimo wa gago o kae?”


Morena, sekegela mafoko a me tsebe, o ele phegelo ya me tlhoko;


Modimo, utlwa mekokotlelo ya me, o ele thapelo ya me tlhoko.


Pholoso ya me e mo Modimong le tlotlo ya me; lefika le le thata la me le mo Modimong, le botshabelo jwa me.


Ke batla Morena ka letsatsi la tlalelo ya me; letsogo la me le otlologile mo bosigong, le sa lape; mowa wa me o gana go gomotsega.


Jaanong ya re sebaka se seleele se sena go feta, kgosi ya Egepeto ya swa, mme Baiseraele ba fegelwa ka ntlha ya botlhanka, ba lelela thuso; mme selelo sa bone sa tlhatlogela kwa Modimong se tswa mo botlhankeng jwa bone.


O iphitlhile mo lerung, ke fa go sa fitlheng thapelo epe.


Le fa ke goa, ke lelela thuso, thapelo ya me o a e gana.


Ya re a le mo tlalelong e kgolo, a rapela ka bojotlhe jwa gagwe; mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a a rothelang fa fatshe.


Ke ene yo, mo malatsing a nama ya gagwe o isitseng merapelo le mekokotlelo ka selelo se se thata le ka dikeledi kwa go ona o o nonofileng go mo golola mo losong, mme a utlwiwa, a gololwa mo poifong.


Le gona ba tlosa medimo e sele mo gare ga bona, ba direla Morena. Ke fa a tlhomoga pelo ka ntlha ya pogisego ya Baiseraele.


“Kamoso ka nako e ke tla tsisa monna kwa go wena, a tswa kwa nageng ya Benyamene, o mo tlotse go nna moeteledipele wa Baiseraele, morafe wa me, gore a o pholose mo diatleng tsa Bafelesita; gonne ke bonye pogisego ya morafe wa me le selelo sa ona se fitlhile kwano go nna.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan