Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 101:3 - Setswana 1970

3 Ga nke ke lesa matlho a me go leba dilo tse di bosula. Ke tlhoile go dira ga baikepi; ga go nke go nkgomarela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Ga ’nkitla ki baea sepe sa boikepo ha pele ga maitlo a me; ki ila tiho ea ba ba tenegañ; ga e kitla e ’nñaparela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ga nketla ke baya sepe se se maswe fa pele ga matlho a me; ke ila tiro ya ba ba fapogang; ga e ketla e nngaparela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 101:3
44 Iomraidhean Croise  

“Matlho a me ke ne ke utlwanye nao gore a se ka a leba lekgarebe.


Ba ba pelo-pedi ke ba tlhoile, mme molao wa gago ona ke a o rata.


Faposa matlho a me gore a se ka a leba tsa boithamako, o mphedise mo ditseleng tsa gago.


Mme ba ba fapogelang mo ditseleng tse di kgopo tsa bona, Morena o tla ba lesa go ya tatlhegong mmogo le ba ba dirang boikepo. A kagiso e nne le Iseraele!


Ke ba tlhoile ka letlhoo le le tletseng, ba mphetogetse baba.


Ba fapogile botlhe, ba senyega mmogo. Ga go ope yo o dirang molemo, le e seng a le mongwe fela.


Gonne o ikgatlha ka esi, a ithaya a re, molato wa gagwe ga o kitla o bonwa le e seng go tlhoiwa.


Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng Jeduthune, moopedisi.


O ntsentse sefela se sešwa mo molomong, sefela sa go baka Modimo wa rona. Bantsi ba a bona, ba a boifa, ba ikanya Morena.


“O tshetswe bolwetse jo bo setlhogo; mme jaanong yo o namaletseng jalo ga a nke a tlhola a tsoga.”


Ba leka Modimo gangwe le gape, ba kgopisa Moitshepi wa Iseraele.


Ba ikepa, ba dira ka boikanyologo jaaka borraabo; ba boela kwa morago jaaka bora jo bo sa ikanngweng.


Ba lo ratang Morena, tlhoang bosula; o boloka mewa ya badumedi ba gagwe, o ba pholosa mo diatleng tsa baikepi.


“O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe-ka-wena. O se ka wa eletsa mosadi wa mongwe-ka-wena, le e seng motlhanka wa gagwe, le e seng lelata la gagwe, le e seng kgomo ya gagwe, le e seng esele ya gagwe, le e seng sepe se e leng sa mongwe-ka-wena.”


Ba fapogile ka pele mo tseleng e ke e ba laetseng, ba itiretse namane e e bopilweng, ba e obamela, ba e tlhabela ditlhabelo ba re: ‘Ke ona modimo wa lona Baiseraele, o o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’ ”


Yo o tsamayang ka bolotsana jwa molomo ke motho yo o se nang mosola; ga se monna wa sepe.


O gwetlha ka matlho, a bontshe ka maoto, a supe ka menwana,


Se eletse bontle jwa gagwe ka pelo ya gago; le gona a a se ka a go gapa ka dintshi tsa matlho a gagwe.


Go boifa Morena ke go ila bosula. Ke tlhoile boikgogomoso le boikgodiso le tsamao e e bosula le molomo o o bolotsana.


Go itumelela se o se bonyeng go gaisa go kgarakgatshega ka keletso. Le selo se ke boithamako fela le go tshwara lephoro.


Fapogang mo tseleng, tswang mo mmileng, khutlisang go bua le rona ka ga Moitshepi wa Iseraele.’ ”


Yo o dirang ka tshiamo a bua nnete; yo o nyatsang khumo ya kgatelelo a tlhotlhora diatla gore di se ka tsa amogela thelesetso; yo o ithibang ditsebe gore a se ka a utlwa melato ya go tsholola madi; yo o budulatsang matlho gore a se ka a bona bosula, a kgatlhega.


“Mme matlho a gago le pelo ya gago di batla kgwebo ya gago ya tshiamololo fela, le go tsholola madi a a se nang molato, le go gatelela le go patika.”


Fa ba eletsa masimo, ba a thukhutha, gongwe matlo, ba a a tsaya; ba gatelela monna le ntlo ya gagwe, ee, monna le boswa jwa gagwe.


Lo se ka lwa logelana maano a a bosula mo dipelong tsa lona. Se rateng maikano a maaka, gonne ke tlhoile dilo tsotlhe tse,’ go bua Morena.”


Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong ya gagwe.


A lorato e nne lo lo sa itimokanyeng; ilang bosula, kgomarelang molemo.


mme jaanong, ka lo itse Modimo, ee, bogolo ka lo itsilwe ke Modimo, lo boelelang gape kwa dithateng tsa tlhago tse di bokoa tse di se nang molemo, tse lo ratang go di direla sešwa gape?


A go se ka ga sala sepe sa tse di hutsitsweng mo diatleng tsa lona gore Morena a khutle mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang, a lo utlwele botlhoko, a lo tlhomogele pelo, a lo atise jaaka a ikanetse borraeno.


Itise, e se re gongwe ga nna mogopolo o o bosula mo pelong ya gago wa go re: ‘Ngwaga wa bosupa wa go phimola melato o gaufi!’ mme leitlho la gago la leba wa ga eno wa mohumanegi ka bopelompe, mme wa mo tima, mme a goela Moreneng ka ntlha ya gago, ga ba ga nna boleo mo go wena.


Mme rona ga re ba boikepo jo bo isang tatlhegong, re ba tumelo e e isang phologong ya botshelo.


Fela tiang thata go tshegetsa tsotlhe le go dira tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lwa molao wa ga Moše; se fapogeng mo go ona e seng ka go ya le letsogo le le jang le e seng ka go ya le la molema


Gonne go ka bo go le molemo mo go bone, fa ba ka bo ba se ka ba itse tsela ya tshiamo ka gope, bogolo go go e itse le go tloga ba hularela taolo e e boitshepo e ba e neetsweng.


Ba dule mo go rona, mme e ne e se ba rona; gonne fa e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa na le rona. Mme go tshwanetse ga bonala, fa e se ba rona botlhe.


“Ke utlwa botlhoko, fa ke dirile Saule kgosi, gonne o ikepile mo go nna, a se ka a dirafatsa mafoko a me.” Ke fa Samuele a tuka bogale, a goela Moreneng bosigo jotlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan