Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Lipesalema 101:2 - Setswana 1970

2 Ke tla tlhokomela tsamao e e thokgameng. O tla tla leng kwano go nna? Ke tla sepela ka pelo e e phepa mo lapeng la me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ki tla riha ka tlaloganyo mo tseleñ e e siameñ; etlare mogañ u tlañ go ’na, ki tla tsamaea mo teñ ga eintlu ea me ka pelu e e botlalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ke tlaa ipaya ka boitlhokomelo mo tseleng e e lekanetseng; ana o tlaa tla leng mo go nna? Ke tlaa tsamaya mo teng ga ntlo ya me ka pelo e e itekanetseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Lipesalema 101:2
22 Iomraidhean Croise  

gonne ke mo tlhophile gore a laele bana ba gagwe le ba lapa la gagwe morago ga gagwe gore ba sepele mo tseleng ya Morena, ba dire ka tshiamo le ka tshwanelo gore Morena a tle a tlisetse Aborahame tse a di mo solofeditseng.”


Dafita o ne a busa Iseraele yotlhe, a ntse a direla morafe otlhe wa gagwe ka molao le tshiamo.


E rile ka sebaka sa botsofe jwa ga Salomo, basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe gore a latele medimo e sele, mme pelo ya gagwe ya se ka ya nna le Morena, Modimo wa gagwe, ka botlalo jaaka pelo ya ga Dafita rraagwe.


Jaanong fa le wena o sepela fa pele ga me jaaka Dafita rraago ka pelo e e se nang molato le ka nnete, ka go dira fela jaaka ke go laetse; fa o tshegetsa melao ya me le ditshiamelo tsa me,


Le gale dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa mo Iseraeleng; fela pelo ya ga Asa e ne e se na molato ka malatsi otlhe a gagwe.


Le gona seatla sa Modimo sa tla mo Bajuteng ka go ba naya pelo e le nngwe go dira se kgosi le dikgosana di se laetseng ka fa lefokong la Morena.


Matlho a me a tla leba baikanyegi ba lefatshe gore ba phele le nna. Ena yo o tsamayang mo tseleng e e thokgameng o tla ntirela.


Ke ikanne, ka ba ka dirafatsa go tlhokomela dithulaganyo tse di siameng tsa gago.


Tlogang fa go nna, basulafatsi ke lona, gore ke tlhokomele ditaelo tsa Modimo wa me.


Mme nna ke tsamaya ke se na molato. Nkgolola, Morena, o be o intshwarele.


Botlhe ba ba go batlang a ba go itumelele, ba ipele; ba ba ratang pholoso ya gago a ba bue ka gale ba re: “Morena o mogolo.”


O ntirele aletare ya mmu, o ntlhabele ditlhabelo tsa gago tsa phiso le ditlhabelo tsa gago tsa tebogo le dinku tsa gago le dikgomo tsa gago mo go yona. Ke tla tla kwa go wena, ke go tshegofatsa mo felong gongwe le gongwe kwa ke go gopodisang leina la me teng.


a re: “Ao Morena, a ko o gakologelwe ka fa ke sepetseng ka teng fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo yotlhe, ka dira tse di molemo mo matlhong a gago.” Hesekia a ba a lela thata.


O a tiisetse bana ba gago, o bue ka ga ona, fa o dutse mo ntlong ya gago gongwe fa o tsamaya mo tseleng gongwe fa o ya go robala gongwe fa o tsoga.


Mme fa e le bosula mo matlhong a lona go direla Morena, itlhopheleng kajeno yo lo ratang go mo direla, a medimo e borraeno ba neng ba e direla ba le kwa moseja ga noka ya Ferathe kampo medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone, mme nna le ba lapa la me re tla direla Morena.”


Ahimelege a fetola kgosi a re: “Ke mang mo batlhankeng botlhe ba gago yo o ikanyegang jaaka Dafita? E bile ke mogwe wa kgosi le molaodi wa ba ba go femelang, a tlotlega mo lapeng la gago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan