Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Jakobe 4:4 - Setswana 1970

4 Banna le basadi ba lo senyang nyalano! A ga lo itse gore go tsalana le lefatshe ke go nna mmaba wa Modimo? Kana yo o ratang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Lo tshwana le mosadi yo o nyetsweng yo o sa ikanyegeng yo o ratang baba ba monna wa gagwe. A ga lo lemoge gore go nna botsalano le baba ba Modimo, ebong dithato tse di bosula tsa lefatshe leno, go lo dira baba ba Modimo? Ke bua gape ka re fa maikaelelo a lona e le go itumela mo dithatong tse di bosula tsa lefatshe leno, le le sa bolokwang, ga lo kake gape lwa nna ditsala tsa Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Bagokahari le baakahari ki lona, a ga lo itse ha tsalano ea lehatse e le kilo Morimoñ? Ki gona leha e le mañmañ eo o ratañ go na tsala ea lehatse, eouo ki maba oa Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Baakafadi ke lona, a ga lo itse fa botsalano jwa lefatshe e le bobaba mo Modimong? Ke gone, yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Jakobe 4:4
24 Iomraidhean Croise  

Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.”


Gonne kgosi e ikanya Morena; mme ka bopelotlhomogi jwa Mogodimodimo ga e kitla e theekela.


Fa o bona legodu, o kgatlhwe ke go nna nalo, mme o tlhakanela boleo le baakafadi.


Gonne bona, ba ba ikgaoganyang le wena ba tla latlhega; o nyeletsa botlhe ba ba akafalang ka go ikepa mo go wena.


Mme lona bomorwa moroka wa sesadi, lona ba losika lwa yo o senyang nyalo le yo o dirang boaka, atamelang kwano!


“Yaa o rere mo ditsebeng tsa Jerusalema o re: “ ‘Morena o bua jaana a re: Ke gakologelwa bopelonomi jwa bošwa jwa gago le lorato lwa gago, fa o sa ntse o beeletswe, o ntatela mo sekakeng, mo nageng fa go sa jwalweng teng.


Ao! Nka bo ke na le ntlo ya baeti mo sekakeng gore ke tlogele morafe wa me, ke tswe mo go bone! Gonne ba senya nyalo botlhe; ke lesomo la balotsana fela.


A mosadi yo o senyang nyalo, yo o amogelang banna ba bangwe boemong jwa monna wa gagwe!


Morena a nthaya a re: “Yaa gape o rate mosadi wa seaka yo o ratwang ke yo mongwe, jaaka Morena a rata Baiseraele, le fa bone ba fapogela kwa medimong e sele, ba tshwakgotswe ke dinkgwenyana tsa maswabi a moweine.”


A ba fetola a re: “Morafe o o bosula wa boaka o batla sesupo; ga o kitla o newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona moporofeti;


Morafe o o bosula wa boaka o batla sesupo; mme ga o kitla o newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona.” Mme a ba tlogela foo, a tsamaya.


“Ga go ope yo o ka direlang barena ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe o tla ngaparela yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Mamone.


Fa e le baba bao ba me ba ba ganneng ke ba busa, ba tsiseng kwano, lo ba bolaele fa pele ga me.’ ”


Fa lo ka bo lo le ba lefatshe, lefatshe le ka bo le rata se e leng sa lone; mme ka lo se ba lefatshe, mme nna ke lo itlhaoletse mo lefatsheng, ke ka moo lefatshe le lo tlhoileng.


Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile; gonne ga se ba lefatshe, jaaka le nna ke se wa lefatshe.


Lefatshe ga le ka ke la lo tlhoa, mme nna le ntlhoile; gonne nna ke ntse ke supa ka ga lone gore ditiro tsa lone di bosula.


Gonne fa re ne ra ruanngwa le Modimo ka loso lwa Morwaa-ona re le baba, re tla pholosiwa bogolo jang ne ka botshelo jwa gagwe, ka re le ba ba ruantsweng!


Gonne go batla ga nama ke go tlhoa Modimo, ka e sa ikokobeletse molao wa Modimo, e bile e a palelwa.


Yo o botlhale o kae? Moitsedikwalo o kae? Motlhotlhomisi wa lefatshe leno o kae? A Modimo ga o a silofatsa botlhale jwa lefatshe leno?


Gonne, e re ka lefatshe le se ka la tlhaloganya Modimo ka botlhale jwa lone ntlheng ya botlhale jwa one, Modimo wa kgatlhega go pholosa ba ba dumelang ka bosilo jwa thero.


Fa ke re jalo, a ke batla lorato lwa batho gongwe lwa Modimo? A kampo ke batla go kgatlha batho? Kana fa nka bo ke sa ntse ke kgatlha batho, nka bo ke se motlhanka wa ga Keresete.


Tirelo-Modimo e e itshekileng e e se nang sebala fa pele ga Modimo Rara ke ya go lekola dikhutsana le batlholagadi mo matshwenyegong a bone, le go ipoloka ka bophepa mo lefatsheng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan