Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Jakobe 4:3 - Setswana 1970

3 Lo a rapela, mme ga lo amogele sepe, ka gonne lo rapela ka mokgwa o o bosula, gore lo tle lo senye dilo ka bofafalele mo dikgatlhegong tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Mme le fa lo kopa ga lo se fiwe gonne maikaelelo otlhe a lona ga a a siama, lo batla fela se se tlaa lo nayang boitumelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Loa lopa, mi ga lo bone, gone lo lopa mashue, gore lo li senye mo litlapeloñ tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Lo a lopa, mme ga lo amogele, ka gobo lo lopa ka go fosa, gore lo tle lo itirele ka gone mo dikgatlhegong tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Jakobe 4:3
25 Iomraidhean Croise  

Modimo wa mo raya wa re: “E re ka o kopile se se ntseng jaana, mme o sa ikopela bophelo jo boleele le e seng go ikopela khumo le e seng loso lwa baba ba gago, mme o ikopetse tlhaloganyo go ka utlwa ditsheko,


Se bao, ba goela thuso, mme ga o ba utlwe ka ntlha ya boikgantsho jwa bone ba ba bosula.


Le gona o tshabisitse baba ba me gore ba nkhularele; ba ba ntlhoileng ka ba nyeletsa.


Foo ba tla mpitsa, mme ga nke ke araba; ba tla mpatla, mme ga ba nke ba mpona.


Ditlhabelo tsa baikepi ke maila Moreneng, mme thapelo ya batlhamaladi e a mo kgatlha.


Yo o thibang tsebe gore a se utlwe go goa ga yo mmotlana, le ene e tla re a goa, a se ke a utlwiwe.


Setlhabelo sa moikepi ke maila Moreneng; bogolo fa a se tlisa ka maano a a bosula.


Ke gona ka moo Morena o buang jaana a re: “Bonang, ke tla ba tlisetsa tatlhego, e ba sa ka keng ba kgona go falola mo go yona. Mme le fa ba ka goela kwa go nna, ga nkitla ke ba utlwa.


Mme wena o se ka wa rapelela morafe o; se utlwatse selelo gongwe thapelo ka ntlha ya bone! Gonne ga nkitla ke ba utlwa ka sebaka se ba mpitsang ka sona ka ntlha ya tlalelo ya bone.


Le fa ba ka itima dijo, ga nka ke ka utlwa mekokotlelo ya bone; le fa ba ka tlisa setlhabelo se se fisiwang le tshupelo ya dijo, ga nka ke ka ba itumelela; mme ke tla ba feleletsa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo.”


Ka sebaka se sengwe ba tla goela kwa Moreneng, mme ga a nke a ba utlwa; o tla ba subela sefatlhego ka sebaka seo, gonne ba dirile ditiro tse di bosula.


Mme go dirafetse jaana: E rile fa Morena a ba bitsa, ba gana go mo utlwa; le nna e rile ba mpitsa, ka gana go ba utlwa,” go buile Morena wa masomosomo.


Jesu a fetola a re: “Ga lo itse se lo se kopang. A lo nonofile go nwa senwelo se ke yang go se nwa le go kolobediwa ka kolobetso e ke yang go kolobediwa ka yona?” Ba mo raya ba re: “Re nonofile.”


Jesu a ba fetola a re: “Ga lo itse se lo se kopang. A lo nonofile go nwa senwelo se ke yang go se nwa, gongwe go kolobediwa ka kolobetso e ke yang go kolobediwa ka yona?”


“Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le yo o batlang o a bona, le yo o konyakonyang o tla bulelwa.


Morago ga malatsi a se kae morwa yo mmotlana a phutha tsotlhe, a hudugela kwa lefatsheng le le kwa kgakala; teng a senya khumo ya gagwe ka bophelo jo bo maswe.


Mme e rile morwao yo a tla, yo o jeleng dithuo tsa gago le diaka, wa mo tlhabela namane e e nontshitsweng.’


Dintwa di tswa kae, le dikganetsanyo di tswa kae mo go lona? A ga di tswe gona mo dikeletsong tsa lona tse di bosula tse di lwang mo ditokololong tsa lona?


Mme le fa e le eng se re se kopang, re se amogela mo go ona, ka re tshegetsa ditaolo tsa ona, re dira tse di natefang fa pele ga ona.


Mme namatshego e re nang nayo mo go ona ke ya gore o a re utlwa, fa re kopa sengwe ka fa go rateng ga ona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan