Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Jakobe 3:3 - Setswana 1970

3 Mme fa re tsenya dipitse megolasetso mo ganong gore di re utlwe, re a bo re sokolola le yona mebele yotlhe ya tsona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Re ka dira gore pitse e tona e retologele kwa re batlang e ya teng ka tomonyana e e mo molomong wa yone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Bonañ, rea tsenya litsipi mo melomoñ ea lipitse, gore li re utlue; mi re shukolola mebele eotle ea cona ka cona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Jaana fa re tsenya dipitse mogala mo ganong, gore di re utlwe; re bo re sokolola le mmele otlhe wa tsone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Jakobe 3:3
7 Iomraidhean Croise  

Jaanong e re ka o ntsogela ka loratla, e re ka boikgantsho jwa gago bo utlwetse mo ditsebeng tsa me, ke tla tsenya mogolasetso wa me mo dinkong tsa gago le mogala wa me mo molomong wa gago, ke go busetsa kwa morago ka tsela e o tsileng ka yona.’


Ke mang yo o ka e apolang letlalo? Ke mang yo o ka tsenang mo gare ga metlhagare e mebedi ya yona e ntse e utlwa?


Se tshwaneng le pitse gongwe moulwe tse di se nang tlhaloganyo, tse mekgabo ya tsona e leng tshipi le marapo go di thapisa, ka di gana go go atamela.


Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng Jeduthune, moopedisi.


Jaanong e re ka o ntsogela ka loratla, e re ka boikgantsho jwa gago bo utlwetse mo ditsebeng tsa me, ke tla tsenya mogolasetso wa me mo dinkong tsa gago le mogala wa me mo molomong wa gago, ke go busetsa kwa morago ka tsela e o tsileng ka yona.’


Mme fa mongwe a itlhoma a direla Modimo, a ntse a sa thibele loleme lwa gagwe, mme a tsietsa pelo ya gagwe, tirelo-Modimo ya motho yoo ke ya lefela.


Bonang le tsona dikepe, le fa di le dikgolo thata, e bile di kgweediwa ke diphefo tse di thata, di sokololwa ka lobatinyana gore di ye kwa mokgweetsi o ratang go di isa teng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan